Breaking News

Tshireletso o busetsa Mogotlho phetolo

20 Oct 2014

Banni ba Mogotlho ba akgoletswe boitshwaro le bokgoni jwa go tlhokomela motse wa bone ntswa ditlamelo di ise di goroge kwa go bone.

Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a etetse motse oo mo bosheng a tsisitse dikarabo tse morafe o neng o di beile pele Tautona fa a etetse koo.

E rile a araba kgang ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa  lephata la metsi le itse seemo, mme a tlatsa ka gore Mogotlho mongwewa metse e e nosiwang ka tanka, mme se se dirwa ke kgang ya letlhoko la madi.

Mme Tshireletso o ne a rurifatsa gore fa go kgonega, e tlaare kabo ya madi e e latelang, puso e tsenyetse motse oo madi, ka o  tlhomamisiwa gore ke motse ngwaga o o fitileng.

Banni ba Mogotlho ba ne gape ba dirile kopo ya go tsenyetswa motlakase, mme e rile a ba neelakarabo, Mme Tshireletso a tlhalosa fa batho botlhe ba ba eletsang go tsenyetswa motlakase ba ka isa dikopo tsa bone ka motlakase o setse o le gaufi, o feta ha godimo ga motse wa bone o ya  ko metseng e mengwe.

E rile a  leboga mothusa tona, modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Mokhanselara Samson Mauano a mo akgola go bo a kgonne go tlisa thomo mme a amogela dikarabo, mme a supa gore puso e kgathala ka matshwenyego a morafe. 

O akgoletse batho ba motse wa Mogotlho bopelotelele a re go a busetsa, mme o ba gakolotse gore ba tshware fela jalo ka motse wa bone o sa tswa go amogelwa ke goromente go nna motse ngogola.

A re se se raya gore ditlhabololo di tla tla  mme o ba kopile gore ba itshoke ba nne fela ka mowa o montle o be neng ba akgolwa ka one, a re letsatsi la tuelo le itsiwe ke Modimo. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2014