Ba le babedi ba hudilwe ka tlhobolo
20 Oct 2014
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Shoshong, Superintendent Gaontebale Mathonse, a re ba tshegeditse monna mongwe wa kgotla ya Xhosa 1 kwa Mahalapye go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le batho ba le babedi ba ba hudilweng ka tlhobolo kwa Kodibeleng.
A re batho ba ba hudilweng ka tlhobolo ke monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi wa kgotla ya Bokaa kwa Mahalapye le mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa Kodibeleng, ba go bolelwang mongwe wa bone a robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye fa yo mongwe a huduseditswe kwa Nyangabwe kwa Francistown.
Superintendent Mathonse o boletse mo potsolotsong gore lefa ditlhotlhomiso di santse ditsweletse, mapodisi a belaela fa mmelaelwa a ka tswa a hudile batho bao ka dipelaelo tsa gore mosadi o ne a mo tsietsa le monna o o hudilweng.
Rre Mathonse a re mmelaelwa o tla isiwa kwa lekgotleng la ditsheko nako nngwe le nngwe go tsweng gompieno. E ntse ele kwa kgaolong ya Shoshong, mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bontlhopheng ba bokhanselara ba kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane ba neng ba lekana ka tse di jang bogobe.
Le fa Superintendent Mathonse a ganne go bolela maina a bontlhopheng bao ka ba santse ba le mo ditlhotlhomisong, o tlhalositse fa ntlhopheng mongwe a bone dikgobalo tse di masisi fa yo mongwe ene a gobetse mo tlhogong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Shoshong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Oct 2014