Lekwalo lwa bosupa ga lo ree go gola
19 Oct 2014
Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lekgaba mo Francistown Mme Chawada Moalosi o rotloeditse batsadi go tlhoma leitlho boitshwaro jwa bana.
Mme Moalosi o buile jalo ka mafelo a beke kwa moletlong wa tsamaya sentle wa baithuti ba sekole seo ba lokwalo lwa bosupa.
A re baithuti ba tlaa tsaya sebaka pele ba fetela kwa dikoleng tse dikgolwane, jalo bangwe bana ba ka tsaya gore e ke nako ya gore ba itaole, ba inaakanye le tiriso ya bojalwa, go ratana le tlhakanelo dikobo, dilo tse di ka ba senyetsang isago.
A re ka nako e go botlhokwa gore batsadi kwa gae ba tlhome leitlho boitsholo le metsamao ya bana gore ba se felele ba wetse ka lemena.
Mothusa mogokgo a re ngwana ke kgetsi ya tsie, o tshwanetse go pataganelwa, a tlhalosa fa ya barutabana tiro e wetse jaanong jaaka baithuti ba tlaa bo ba letile maduo ba le kwa gae, go le botlhokwa gore batsadi ba ba fe dikgakololo tsa motia tse di tlaa ba thusang go tsaya ditshwetso tse di sa iseng thaelong. Mme Moalosi o bile a gakolola baithuti gore go fetsa lokwalo lwa bosupa ga go reye gore ba godile.
O ba tlhaloseditse fa e tla tswelela e le baithuti go fitlhela ba wetsa dithuto tsa bone kwa dikoleng tse dikgolwane.
O ne a rotloetsa baithuti go itlotla, le gone go ikgapha, a re thuto ke boswa jo bo sa amoganweng e bile ke lesedi la isago.
Go sale foo, Mma Moalosi o tlhalositse gore jaaka e le bone ba ntlha ba lokwalo lwa bosupa kwa sekoleng sa Lekgaba, tsholofelo ke gore ba tlaa tswelela ba itshwara sentle gape ba tlaa ntsha maduo a a kgatlhisang go tsholetsa leina la sekole.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa barutabana le batsadi, Rre Bonene Khupe, o akgotse kemo nokeng e batsadi ba ntseng ba e fa komiti ka go nna ba tla diphuthegong e bile ba tla ka megopolo e neng e thusa go tsamaisa komiti.
O bile a ba akgola go bo ba ne ba emetse thuto ya bana ba bone ka dinao ka jaana ba ne ba sa kgale go tla go lekola tiro ya sekole ya bana. Rre Khupe o ba rotloeditse go tswelela ba tshegeditse mowa o, a re seo se tiisa bana moko mme ba nne tlhaga le dithuto tsa bone, a tlatsa ka go supa fa thuto e batsadi ba nnang le seabe mo go yone e ntsha maduo a a kgatlhisang.Mongwe motsadi, Rre Tabona Sicino, o akgotse barutabana ba baithuti ba lokwalo lwa bosupa go bo ba ne ba dira tiro ya bone ka lorato le ka boineelo.
A re go tlhola le bana ba tswa mo malapeng a a farolganeng ke kgwetlho, fela barutabana ba ba ne ba dira ka gotlhe ba ba ruta, ba gakolola gape ba kgalema. A re se se itumedisang ke go bona ba dirile tiro ya bone ka botswapelo e bile ba e weditse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 19 Oct 2014