Dirisang thulaganyo ya seromamowa - kgosi
28 Aug 2014
Batswana ba kgothaditswe go dirisa thulaganyo ya seromamowa sa Botswana ya go bapolalana ga bontlhopheng gore ba kgone go itse ka maitlamo a diphathi tsa sepolotiki.
E rile a bua mo potsolotsong, kgosi wa Gumare, Rre Diteko Salepito, a re thulaganyo eo e botlhokwa, ka jalo setshaba se tshwanetse go dirisa sebaka seo go reetsa bontlhopheng ba bone go tsamaelana le dikeletso tsa bone.
Kgosi o akgoletse puso go ntsha thulaganyo eo, ka e bula setshaba matlho gore ba kgone go farologanya maitlamo a diphathi go na le jaaka mo lobakeng lo lo fetileng.
O bile a rotloetsa setshaba, bogolo jang banana, go diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go tlhopha, bogolo jang ka Tautona a beile letsatsi leo go nna la boitapoloso, gore mongwe le mongwe a gololesege go ya go latlhela tlhopho ya gagwe.
A re e re ka tlhopho ya mongwe le mongwe e le botlhokwa mo go ageng puso ya batho ka batho, le go akarediwa ga ditlhabololo tsa metse, go botlhokwa gore Batswana ba dirise letsatsi leo ka le tla gangwe fela mo dingwageng tse tlhano.
“Se se itumedisang ke gore polotiki ya gompieno e tlhabologile, e ntsha mananeo a diphathi mo setshabeng, go neela motlhophi sebaka sa go a sekaseka,” kgosi a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, Kgosi o tlhagisitse batlhophi go nna kelotlhoko fa ba latlhela tlhopho ya bone jaaka ipapatso e ile magoletsa, go tila go okisiwa ka dimpho di akaretsa dikipa.
A re o tshwenngwa ke bo ntlhopheng ba ba emelang ditlhopho go tla go ikhumisa mme ba ikgatholosa letlhoko la batlhophi, a bo a kopa Batswana go tlhopha baemedi ba ba nang le boleng e seng go tlhopha ka losika kgotsa botsala, ka jaana go dira jalo go ka isa tlase seriti sa polotiki ya lefatshe leno.
O kgala ba ba ikwadisetsang kwa ba sa nneng teng, a tlhalosa fa seo e se ka fa molaong.
Kgosi Salepito o ikuetse mo morafeng wa gagwe go tlhomamisa gore dikarata tse di tlhokafalang mo ditlhophong di mo tirisong ga mmogo le tsa batsadi ba bone, gore ba kgone go tlhopha. “Nna ke sale ke emetse letsatsi la ditlhopho gore ke tle go diragatsa Botswana jwa me. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 28 Aug 2014