Go roka go tshetsa Phiri
28 Aug 2014
E re ka jaana lefatshe leno e le lengwe la a amilweng ke kwelo tlase ya itsholelo, bangwe ba Batswana ga ba eletse go nna mo lehumeng mme ba tsweletse ka go itirela dikgwebo, selo se puso e se rotloetsang.
Mme Seitlhedi Phiri wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro, wa kgotla ya Makgophane, kwa Mochudi, ene o itshetsa ka go roka, e le ka fa a tlhokomelang ba lelwapa la gagwe ka teng.
Fa a bua mo potsolosong, Mme Phiri o tlhalositse fa ba lekalana la FAP e le bone ba neng ba mo abela bomatshine ba ba rokang ka 2001. A re pele a itshimololela kgwebo o ne a thapilwe ke ba madirelo a Somarela Firms kwa Pilane, a tlhalosa fa ba ne ba rokela madirelo a Primier.
A re o kile gape a direla khamphani ya Camp & Carpents mme morago ga go berekela dikhamphani tseo ka lobakanyana, o ne a tlogela tiro mme a tsaya tshwetso ya go itshimololela madirelo.
Mme Phiri o supile fa a ne a ithuta go le go ntsi ka nako ya fa a berekela dikhamphani tsa go roka mme ka moo go ne ga nna motlhofo gore a itlhamele e e leng ya gagwe.
A re kgwetlho e tona e ne ya nna kgwebo e e tsamayang ka bonya le ntswa Batswana ba ne ba mo eme nokeng, bogolo jang ka a roka diaparo tse dintle.
O tsweletse a supa fa a roka dilwana tse dintsi tse di akaretsang mesese ya manyalo, diaparo tsa bomme le borre, mealo le matsela a matlhabaphefo.
A re kgwebo ya gagwe e sa ntse e direla mo lapeng, a tlhalosa fa a na le keletso ya go e atolosa mme sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompelo.
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba rekang dilwana tsa gagwe e le ba ba tswang mo metseng e e mabapi, e e akaretsang Artesia le Malolwane.
Mme Phiri o supile fa a kile a inaakanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma mo kgaolong ya gagwe go mo thusa ka matsela, a kaya fa e le one a sokolang go a bona, mme a tlatsa ka go tlhalosa fa le dipoelo tse a di dirang di se kalo, go ka mo thusa go ithekela matsela.
A re kopo ya gagwe e ne ya seka ya atlega kwa ofising eo, a tlatsa ka gore seo ga se na go mo kgoba marapo, o tlaa ikopanya le makalana a mangwe go kopa dithuso.
O ne gape a supa fa a kile a ikopanya le bomme ba bangwe gore ba itirele mokgatlho gore ba kgone go ya go kopa ditlamelo kwa makalaneng a a ka thusang bomme mme o ne a supa fa bangwe ba le maoto a tshupa.
Mme Phiri a re keletso ya gagwe ke go abelana kitso ya gagwe le ba bangwe, segolo thata banana ba ba sa berekeng le ba ba sa dirang sentle mo mophatong wa boraro gore le bone ba kgone go itirela se ba tlaa itshetsang ka sone.
Mme Phiri o tsweletse a supa fa a sa tsena sekole mme seo se sa mo kgoba marapo ka jaana o na le talente ya go roka.
O ne a supa fa a kile a abelwa ditlankana tse pedi kwa khamphaning e a neng a direla kwa go yone kwa Pilane, tse di supang fa a na le bokgoni jwa go roka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 28 Aug 2014