Palamente e rebotse madi
28 Aug 2014
Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a re palamente e dumelane ka molao wa go rebolela lephata la matlhoko a leruo le lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho madi a meoketsa.
Rre Makgalemele o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa Kalamare le Mmutlane gore e re ka lephata la temo-thuo le tlhaelelwa ke melemo mo madirelong a tshwana le LAC e bile lefatshe leno le tshwara ditlhopho kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone, mmuso o ne wa tsaya tshwetso ya go rebolela lekalana la LAC P40 million go reka melemo ya leruo le go abela lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho P30 million go baakanyetsa ditlhopho tsa setshaba.
O kgotlhaditse batlhophi ba kgaolo ya Shoshong go somarela dikarata tsa bone tsa Omang le tsa tlhopho gore ba kgone go ya go dirisa tshwanelo ya bone ya go tlhopha baemedi ba ba eletsang ba ka ba emela kwa palamenteng le kwa dikhanseleng.
A re mengwe ya melao e e dumelanweng mo palamenteng e e fetileng ke wa go saenela ditirisano tsa kgwebo ga lefatshe la Botswana le mafatshe a bophirima jaaka la America, go nna le ditumelano tsa go adima ba matlhabelo a BMC madi ke ba banka ya Standard Chartered ka maikaelelo a go thusa mo go dueleng baruakgomo ba ba rekisetsang matlhabelo ao dikgomo ka nako e e tshwanetseng.
Rre Makgalemele a re mengwe ya melao e go buisantsweng ka yone mme e ise e konetelelwe ke wa tshekatsheko ya go abiwa ga lefatshe, twantsho borukutlhi le go fetola leina la lekgotla le le tsamaisang metshameko la Botswana National Sports Coucil go nna Botswana National Olympic Commission.
O boleletse batho ba metse eo, ba ba neng ba ngongorega ka tiego ya go agiwa ga matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Kalamare Junior Secondary le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng lenaneo la nyeletso lehuma fa ditiro dingwe tsa ditlhabololo di ne tsa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
E rile banni ba Kalamare le Mmutlane ba tswa la bone, ba kgala badiri ba lephata la matlhoko a leruo, ka go bo ba palelwa ke go jesa dikgomo tsa bone Omang le go tlhaela ga melemo le dijo tsa leruo mo makalaneng a LAC, e bile ba supa ka monwana lephata la diphologolo, bojanala le makgabisa naga ka go tlhoka go ba phimola dikeledi fa ba senyeditswe dijwalo ke diphologolo mo masimo.
Ba ngongoregile gape ka go tlhoka mmaraka o ba ka rekisang thobo ya bone kwa go one, ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi le go senyetswa ke dikgomo mo masimo.
E rile mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo mo Mahalapye Rre Rapula Chepete a tsibogela dingongorego tsa bone mabapi le Omang wa dikgomo, a tlhalosa fa bontsi jwa dikgomo tse di sa jesiwang Omang e le tse beng ba tsone ba tshotseng bo Omang ba ba seng mo tirisong e bile le ditshipi tsa bone tsa dikgomo di sa tlhole di le mo tirisong ntateng ya go tlhoka go shafadiwa. Ramonaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Aug 2014