Molao wa theko le thekiso ya bojalwa o tlaa tlhabololwa
26 Sep 2025
Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Kgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe a re molao wa theko le thekiso ya bojalwa wa Liquor Act o tlaa tlhabololwa go lepalepana le dinako tsa segompieno ka molao o o ntseng o le teng o ne o na le diphatlha tse di tlhokang go tswalwa.
Fa a buisa khansele ya toropo ya Lobatse ka Labone, o ne a re lephata leo, le boloditse letsholo la go tlhotlhoma le metse go phutha megopolo mo Batswaneng gore e re Palamente e tsena ka kgwedi ya Ngwanatsele go bo go sobokilwe megopolo yotlhe ka jalo Batswana ba tshwanetse ba tsaya karolo mo go bopeng molao oo.
O supile gore mo molaong o o tlaa tlhabololwang go akantswe gore go ntshiwe diteseletso tsa theko le thekiso ya bojalwa ka boranyane (Online Liquor Licence) go tlhofofaletsa bagwebi le bareki naalano ya ditirelo.
Mothusa Tona, Rre Mathoothe a re lefatshe leno le tsholeleditse kwa godimo tiriso ya maranyane e le tsela nngwe ya go tlhofofatsa phatlalatsio ya ditirelo.
A supa gore seo ke nngwe ya ditlhabologo tse di tlhokwang ke babeeletsi ka ba tlhoka gore ba fitlhele dilo di dirwa ka bofefo.
Mogolwane go tswa lephateng la Papadi le Kgwebo, Rre Ofitlhile Seatlholo a re tsetlana eo ya molao ya Online liquor trade e tlaa nna le melawana e e iletsang gore bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi ba seka ba nna le sebaka sepe sa go ikopela teseletso ka maranyane kana go rekisediwa bojalwa ka tsela eo.
O ne a tlatsa ka gore mo molaong oo mogwebi o tlaa kgona go ikopela teseletso ya go rekisa bojalwa ka maranyane a sa tlhoke go ya khanseleng go ya go kopa tetla mme e bile o moreki le ene o ka kgona go reka bojalwa a bo a bo tsisediwa kwa a leng teng mme go tlaa dirisiwa boranyane go iletsa go rekisetsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga.
Godimo ga seo o ne a supa gore tekeletso ya seo e setse e simolodisitswe kwa Gaborone City Council go bona gore a e ka bereka.
A re tirelo eo e bonwa mo maranyaneng a lephata leo a MTI e-services kwa e leng gore gore lephata le ikaelela go fefosa go aba diteseletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 26 Sep 2025