Kereke e tsosolosa serodumo sa bomme
04 Sep 2025
Kereke ya Prophet Monyenda International Ministries kwa Maun e ne ya tshwara bokopano jwa bomme bo itebagantse le methale ya ka tlhabolola matshelo a bone.
Bokopano joo, bone bo ngokile bagolwane go tswa kwa makalaneng a a farologaneng a akaretsa lephata la merero ya bong, lekgotla la Women in Business Association of Botswana (WIBA) ga mmogo le bo mmantswitswidi ba tsa merero ya madi go tla go arogana maele a bomme ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa bokopano joo, moeteledipele ya kereke, Prophet Kelebilemang Monyenda o tlhalositse fa bomme ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi di akaretsa lehuma, kgokgontsho, mme ke ka moo ba boneng go tshwanela go rulaganya bokopano joo go tla go abelana maele a botshelo ka go ba rutuntsha.
O galaleditse botlhe ba ba atlileng taletso ya bone a supa fa ba WIBA ba arogane le bomme maele a go itshimolodisetsa dikgwebo tsa sennelaruri tse di ka tlhamelang ba bangwe mebereko fa ba lephata la bong bone ba ba tsibositse ka go fema dikgang tsa kgokgontsho ya bong le gone go ikemela ka dinao ka go itirela.
O tsweletse a re bomaitseanepe ba madi le bone ba ne ba ruta thata ka dikgang tsa madi di akaretsa tiriso e e lolameng ya madi le gone go a boloka.
Prophet Monyenda o rotloeditse bomme go rapela ka nako tsotlhe a supa fa mo dinakong tse dithata jaana, thapelo e le yone seikokotlelo.
“Ke rotloetsa bomme go nna bomme ba thapelo ka nako tsotlhe go emalana le dikgwetlho tse ba kopanang natso. Re le kereke re ikemiseditse gape go ema puso nokeng ka go rapelela diemo tsa di bosula tse di aparetseng lefatshe leno jaaka kgokgontsho ya bong,” a tlatsa jalo.
Prophet Monyenda o tlhalositse gape fa diemo tse dingwe e le tsa semoya mme a supa fa ditlhoka kereke go tsaya karalo mo go di rarabololeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano jwa kereke
Date : 04 Sep 2025