Ba lela sa khuranyo ya meno
04 Sep 2025
Bagwebi ba dikoloi tsa dipalamo tsa setshaba kwa Kanye ba supile fa kgwebo ya bone e beilwe ka fa mosing ke bangwe ba ba pegang bapalami mo ditseleng e seka fa molaong.
Seemo se, modulasetilo wa pele wa Kanye Taxi Association, Rre Luka Ramotoroko a re se a gola e bile se babalela bagwebi ba dipalamo tsa setshaba, ka ba sa bone dipoelo.
A re gape bagwebi ba, ba setse ba simolotse le go pega badirisi ba dipalamo jaaka bana ba dikole le go emela bapalami ba ba yang kwa mafelong a akaretsang Lobatse le Jwaneng.
Gape o tlhalositse gore ba setse ba pega baji bareki kwa mabentleleng, tiro e a reng e ka bo e dirwa ke badipalamo tsa setshaba.
O tlhalositse fa ba itemogetse fa batsadi bangwe ba rotloetsa bagwebi ba, ka go batla ditirelo tsa go isa bana ba bone kwa dikoleng.
A re go dira jalo go amile dikgwebo tsa bone, mme gape o gakolotse gore dipalamo tsa setshaba (school bus) ke tsone diletlelelwang go go pega bana ba dikole.
O supile fa a dumela gore batsadi bangwe ba sena kitso ya tsamaiso ya dipalamo tse di pegang ban aba dikole go tswa malwapeng, mme a re go maleba gore dikomiti jaaka tsa ya ipabalelo tseleng, le lephata la dipalamo di tlhagafalela go rutuntsha setshaba ka tsa dipalamo le tshireletsego mo go diriseng ditirelo tsa dipalamo tsa setshaba
Rre Ramotoroko o gateletse gore koloi nngwe le nngwe e e tsenang mo kgwebong ya go pega setchaba, e tshwanetse ya tlhatlhobiwa, e nne le teseletso ya go tsamayang mo tseleng, le go pega setshaba.
“Fa o sena diteseletso tse, o bo o tsenelela kgwebo ya go kgweetsa setshaba, re dumela gore o kgoreletsa ba ba tshwanenetseng go gweba ka fa molaong,” ga tlhalosa Ramotoroko. Mme a re go le gantsi, ba kgona go dira maiteko a go lwantsha seemo se le ba sepodisi le ba lephata la dipalamo, mme a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi jwa maphata go leka go lwantsha seemo se tsatsi le letsatsi.
Mokgweetsi wa dikhombi tsa Kanye-Moshupa, Rre Monkgwe Monkgwe o ntshitse matshwenyego a gore batho ba ba pegang bapalami mo dibaseng le mo dikoloing tse di senang teseletso ba borai mo kgwebong eo, ka jaana ba rekisetsa beng ba dikoloi tse di senang teseletso ya go pega setshaba bapagami.
Rre Monkgwe a re seo se baa kgwebo ya bone ka fa mosing segolo jang ka kwa Moshupa go sena maemelo a dibese mme ka jalo ba pega fela mo maemelong a dipalamo aa mo tseleng ya Moshupa-Kanye, kwa a boletseng ele gone kwa gantsi ba gotlhagotlhanang teng.
A re ke selelo sa khuranyo ya meno ka jaana le babereki ba ba ikgweetsang go ya meberekong ba pega bapalami mo maemelong a di palamo.
Go ntse go le jalo, modulasetilo wa komiti ya dibese tsa setshaba (Bus Operators Association), Rre Tirafalo Mponang a re komiti e kopanetse seemo se le ba sepodisi, mme ba sekaseka ditharabololo di le mmalwa go thusa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba segolo jang kwa mapalamelong magolo a dibese kwa Gaborone.
Modulasetilo o tlhalositse fa komiti eo, e dirile ikopelo kwa khanseleng ya Gaborone le Ramotswa gore e kgone go letlelelwa go tsamaisa mapalamelo a dibase kwa ditseleng le kwa bogareng jwa toropokgolo boemong jwa khansele.
“Maikaelelo ke gore jaaka komiti e na le badiri ba itshireletso, e kgone go dira ledula le thokgamo kwa mapalamelong a dibese ka go gagamatsa tsamaiso,” ga tlhalosa Rre Mponang, yo o neng a tswelela ka gore, fa kopo ya komiti e ka atlega go neelwa boikarabelo jo, bagwebi ba tlaa lopiwa le go gakololwa gore ba dire teseletso ya go gweba kana go rekisa kwa mapalamelong a dibese.
Fa a ntsha la gagwe, Mookamela Mapodise a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng o tlhalositse fa go pega bapalami kwa kgaolong ya gagwe go tshwenya ka jaana setshaba se sa dirise dipalamo tsa setshaba.
A re gantsi go dira jalo go baya matshelo a setshaba mo diphatseng ka dikoloi tseo di sena teseletso ya go pega setshaba.
Mo godimo ga moo, o tlhalositse fa bapegi ba, ba tsaya madi mo setshabeng ba sena teseletso ya go dira jalo.
O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bapegi ba ba seng ka fa molaong mo ditseleng tsa Kanye-Gaborone le Kanye-Lobatse.
Ramapodise o tlhalositse fa dikoloi tse di tsayang bana ba sekole ntle le teseletso di tshwenya, a re sebe sa phiri ke gore fa go direga gore di amege mo kotsing bana ga ba kgone go thusiwa sentle ke makalana a tshwana le ba letlole la dikatso tsa dikotsi tsa dikoloi.
O gakolotse batsadi gore fa ba batla dikoloi tse ditsayang bana, pele ba batle go itse gore a koloi eo e na le teseletso ya go pega bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2025