Tsibogelang malwetse - mooki
03 Sep 2025
Banni ba Mogonono mo kgaolong ya Kweneng ba rotloeditswe go ithuta methale e ka thusang gore ba nne le botsogo jo bo itumedisang.
Ka jalo, mooki wa kokelwana ya Mogonono, Rre Molebatsi Gaotime o tlhalositse fa motheo wa botsogo kana pholo o simologa mo lwapeng ka go dira tsotlhe tse di thibelang go tsenwa ke bolwetse.
Rre Gaotime o buile jalo kwa Mogonono ka Labobedi kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le makoa le masula a mangwe a tshwenyang setshaba. Mongwe mothale, a re ke wa go ja dijo tse di itekanetseng.
Rre Gaotime o tlhalositse gore dijo tse di sa itekanelang, di kgotlelesegile, tikologo e seng phepa, nnotagi le tlhakanelo dikobo e dirwang go sena itshireletso ke metswedi ya makoa a ka thibelwang.
Fa a rola pego ka seemo sa botsogo sa Mogonono, Rre Gaotime a re ngogola motse oo o ne wa tlhaselwa ke bolwetse jwa letlhatso le letshololo, seemo se se bakwang ke go tikologo e seng phepa. A re motse wa Mogonono o na le balwetsi ba mogare wa HIV/AIDS ba le masome a robangbedi.
Le fa a lebogetse gore ba tsweletse ka go tsaya diritibatsi ntle le mekgwere ape, a re o tshwenngwa ke ba le babedi ba tsenyeng ka ga re itse. Rre Gaotime a re mono ngwaga ba kwadisitse baimana ba le lesome le botlhano, mme ba le bane ba na le mogare wa HIV. A re bone joo, ka thuso ya ba botsogo, ba kgonne go tshola masea a senang mogare wa HIV.
A re go kwadisa boimana thari go baya lesea mo diphatseng bogolo jang fa e le gore motho ga a itse seemo sa gagwe sa mogare wa HIV, a re fa moimana a kwadisa boimana mo kgweding tsa bofelo tsa boimana mogare o a bo gongwe o setse o fetetse kwa ngwaneng.
A re go kwadisitse palo ya bomme ba le babedi ba ba nang le bolwetsi jwa kankere, yo mongwe e ne ele wa kankere ya molemo wa popelo fa yo mongwe e ne ele wa kankere ya lebele mme ka go tlhoka lesego botlhe ba ile ba tlhokafala.
GRACE SEBAPE a le kwa LOBATSE a re kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, mookamedi wa lekalana le le ikemetseng la BOCAIP, Mme Bridget Mphusu o gakolotse bomme go aga malwapa a renang kagiso.
Mme Mphusu a re bomme ba tshwanetse go aga setshaba, ba godisetsa bana mo tikologong e sireletsegileng le go ba ruta magokanyane a botshelo. A re go botlhokwa gore bomme ba tlotle le go rata banna ba bone.
E rile a itebaganya le banni ba Lobatse ka kakaretso, Mme Mphusu o gwetlhile botlhe ba ba sa itseng seemo sa bone sa mogare wa HIV go itlhatlhoba gore ba kgone bona thuso ba santse ba itekanetse.
A re mogare wa HIV ga o tlhaole o ka tsena mongwe le mongwe. A re sengwe sa tse di tshwenyang ke gore lefatshe la Botswana le hupeditswe ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Mme Mphusu a re bana ba basimane ba rutwe boikarabelo, fa ba basetsana ba tshwanetse ba rutwa tlotlo, le go ikgapha kana go tsibogela mekgwa e ka tsalang kgokgontsho.
Mme Mphusu a re sengwe sa dikgang tse di tshwenyang ke batsadi bangwe ba ba itlhokomolositse matshelo a bana ba bone ba ba kwa ditoropong, ka jalo bangwe ba bone ba felela ba inaakanya le mekgwa e gogelang tlhaelong le go felela ba amiwa ke kgokgontsho ya bong ba re ba leka maano a botshelo.
A re nnotagi le yone e tsere taolo mo matshelong a batho, seemo se se dirang gore dikotsi e nne sengwe sa tse di tshwenyang setshaba ka di gapa matshelo segolo bogolo banana ba go lebilweng mo go bone go etella lefatshe isagong. Mme Mphusu a re tiriso ya ditagi le yone ke mmaba mogolo mo setshabeng.
Mothusa Ratoropo ya Lobatse, Rre Legodile Mothibi a matshwenyego a mangwe ke batsadi bangwe ba ba bipang bana ba bone mme baitse sentle gore ba senya, a tlatsa ka gore bangwe ba bana ba, ba setse ba tlogetse dikolo, mme ba tlhorontsha setshaba mo mebileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Mogonono
Event : Phuthego
Date : 03 Sep 2025