Go itse seemo sa mogare go botlhokwa
03 Sep 2025
Banni le setshaba mo kgaolong ya Tsabong ba kgothaditswe go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS, go itse seemo sa bone le go tsaya dikgato tse di maleba bogolo jang fa ba iphitlhela ba na le mogare go tsena mo lenaneong la dipilisi tse di ritibatsang mogare.
Se se builwe ke Mme Kegaisitswe Babeile go tswa mo lekalaneng la Botswana Network of People Living with HIV & AIDS (BONEPWA) mo letsatsing la go simolodisa merapelo ee tshwarwang ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Lwetsi e e leng ya thapelo go rapelela segajaja sa AIDS le mogare wa HIV mo lefatsheng leno.
Mme Babeile go tswa kwa motseng wa Kisa, e bile a tswa kgakala a bua phatlhalatsa ka seemo sa gagwe sa mogare morago ga go ikamogela,o ne a gwetlha setshaba go ikemela ka dinao go tsaya botsogo jwa bone tsia a supa fa a setse a na le dingwaga di le masome a mabedi a ntse a le mo diritibatsing.
Jaaka e le mongwe wa bakgothatsi ba batho ba ba tshelang le mogare,o ne a supa fa maitemogelo a bo ne e le gore bangwe ka bone ba itirela boferefere ka go tlhoka go tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare ka fa tshwanelong, mme seo se sa siama ka puso e dirisa madi a mantsi go boloka matshelo a bone.
Mme Babeile o rotloeditse ba ba tlhaga mo tlhakanelong dikobo go dirisa dikausu go itshireletsa le gone go fokotsa kanamiso ya mogare mo go bangwe, a bo a gwetla boeteledipele jwa kgaolo go ema nokeng mokgatlho wa batho ba ba tshelang le mogare ka o le mosola thata mo botsogong jwa setshaba bogolo jang go kgothatsa ba ba tshelang le mogare ba sa ntse ba tshaba go ikamogela.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti la Minister Fraternal, Moruti Ruben Mosimenyane o ne a supa fa maikaelelo a kgwedi ya Lwetsi pele e ne e le go buisana le setshaba mabapi le segajaja sa HIV/AIDS.
A re morago ba ne ba bona fa go le botlhokwa go akaretsa malwetsi aa sa tshelanweng, dikotsi tsa tsela le matshweneygo a mangwe aa sa jeseng diwelang mo lefatsheng leno le gone go fedisa pharologanyo ya dikereke ka tsotlhe di tsena mo seatleng sa modimo.
Moruti Mosimenyane o boletse fa gape maikaelelo e le go abelana maele, dikgakololo le go tswa ka mogopolo le dithabololo tsa go lwantsha tiriso ya dinotagi phetelela tse mo nakong ya gompieno di setseng di tshwakgotse banana bangwe mo kgaolong eo.
Fa a bua ka malwetsi aa sa tshelanweng, Dr Iren Kgengwenyane wa sepatela sa Tsabong o ne a tlhalosa fa malwetsi ao a setse a tsere phekelo e sele ka dintsho tse di kwa godimo mo kgaolong, mme go ya ka diphatlisiso a re di supa 75 per cent lefatshe ka bophara fa mo Botswana e le 46 per cent.
A re ba itemogela go gola ga malwetsi jaaka kankere ya molomo wa popelo le ya lebele mo go bomme le ya setlha mo go boree mme ebile a ama bagolo le bana. O ne supa fa malwetsi ao a bakwa ke go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela, go go ja dijo tse di sa siamelang mebele ya bone le go tlhoka go itshidila mmele.
A re malwetsi aa sa tshelanweng nako tse dingwe a ka ama ka gore bangwe ba losika ba a lwala e le segotso, mme a ba gakolola go a thibela ka go ya go a itlhatlhoba kwa dikokelong pele fa ba ka itemogela dikai tsa one a ise a kekele.
Dr Kgengwenyane o ne a gwetlha mongwe le mongwe le setshaba go tsaya boikarabelo go lwantsha malwetsi ao ba tshwaraganye le puso. Constable Lesego Villander go tswa mo lekalaneng la Gender and Child Protection kwa Botswana Police Service mo Tsabong o ne a supa fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontso tse mo go bangwe e sa ntseng e le phitlhela kgomo ya serotswana, bogolo jang ya tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga.
Fa a leboga mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre William Coetzee o ne a popotha legetla Tautona wa boraro wa Botswana Dr Festus Mogae ka go simolodisa lenaneo la dipilisi ts di ritibatsang mogare tsa ARV.
Mabapi le boitshwaro jo bo sa amogeleseng jwa bana go inaakanya le ditagi, o ne a supa fa go le botlhokwa go simolodisa dikole tsa sontaga kwa dikerekeng, go simolodisa Scriputure Union kwa dikoleng ka Lore lo ojwa lo sa le metsi, go ba betlela bokamoso le boikarabelo ka e le bone babusi ba lefatse leno ba ka moso.
Merapelo e ne tsenwe ke baruti ka go farologana ba rapelela matshwenyego a akaretsa HIV/AIDS, dikotsi tsa tsela,nnotagi, kgokgontsho, tshenyetso setshaba, malwetsi aa sa tshelanweng, Pula, boipuso le kagiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : Tsabong
Event : Tshimolodiso merapelo
Date : 03 Sep 2025