Breaking News

Tlhabiso o tla atlholelwa petelelo

02 Sep 2025

Lekgotla la ga Mmakaseterata kwa Lobatse le tla ntsha katlholo kgwedi ya Lwetse e le lesome, morago ga go bona molato, Wantwa Tlhabiso, yo a sekelang kgang ya petelelo.

Tlhabiso wa dingwaga tse di masome mabedi le boroba bongwe  wa Mogwalale, o bonywe molato wa go thubetsa ngwana wa mosetsana wa ngwaga tse supa kwa motseng wa Goodhope, kgwedi ya Ngwanatsele e le masome mabedi le boroba bobedi ka 2020.

E rile a soboka kgang pele a bona mosekisiwa molato, Mmakaseterata, Mme Rebecca Motsamai a re tiragalo eo e ngomola pelo. A re modira molato o ne a kukunela ngwana yo go le bosigo, mme ngwana o ne a tsosiwa ke go utlwa lebogo le mo phora-phora ka fa bosading.

Mme Motsamai a re ngwana o ne a kgona go lemoga sethubetsi se, ka gore ke motho yo a mo itseng ka a kile a ratana le mogolowe. Kgotla ya ditsheko e boleletswe gore selalome se, se ne sa tshosetsa ngwana, mme a mo pateletsa go tswela kwa ntle.

Mmakaseterata Motsamai a re go ya ka bosupi jo bo beilweng lekgotla pele, tirgalo eo, e ne ya bonwa ke mongwe wa bana yo a neng a robetse le motswasetlhabelo, yo a neng a kgona go thaba mokgosi ka go begela baagisanyi tiragalo e.

Mme Motsamai a re sethubetsi se ne sa le botsa phokoje fa se a utlwa mokgwasa wa batho, ba e rileng morago ba begela kgang mapodisi. A re Tlhabiso o ne a tshwarwa a lebisiwa molato wa petelelo.

E rile a fiwa sebaka sa go rola kgang ya gagwe, Tlhabiso o ne a a tlhoka a le tlhaeng, ka jalo a dumela molato. O tlhalositse gore ke boamaruri o ntse a itse motswasetlhabelo, le gore ke boamaruri o mo dirisitse mo go tsa tlhakanelo dikobo ntle le tumalano e bile a dirisa dikgoka.

Godimo ga moo, modira molato o ne a palelwa ke go ganetsa bosupi jo bo ntshitsweng ke basupi ba bosekisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Tsheko

Date : 02 Sep 2025