Khansele e rotloetsa tikologo e phepa
02 Sep 2025
Khansele ya Goodhope e dira maiteko a go rotloetsa banni go phepafatsa tikologo, ka go dira jalo go baya matshelo le botsogo jwa setshaba mo seemong se se siameng.
Lengwe la maiteko a khansele e le dirisang go rotloetsa tikologo e phepa ke la Own a bin Campaign Run, le le rotloetsang banni go duelela go tseelwa matlakala.
Mme e ne ya re ka Matlhatso, khansele ya tshwara mabelo kwa Goodhope ka setlhogo se se reng Matlakala a a Sireletsegileng ke Tikologo e e Sireletsegileng, A re Tabogeng le seo, go rotloetsa tikologo e phepa.
Thulaganyo e ya mabelo e mo legatong la boraro monongwaga ka e sale e simolodisitswe ka 2023 kwa motseng wa Gopong. Monongwaga e ne e tshologetswe ke ba tsaya karolo ba mabelo go tswa Botswana le Kenya, ka batabogi ba ka tshwara lekgolo le masome mabedi ba ne ba ikwadiseditse dikgaisanyo tsa mabelo.
Fa a rola molaetsa wa letsatsi mo boemong jwa Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mmathethe, e bile e le motshwarelela Tona mo Lephateng la TemoThuo le Lefatshe, Dr Edwin Dikoloti, modulasetilo wa komiti ya kabo ditsha ya Rolong, Mme Gloria Segokgo a re ipapatso ka lebelo, go nna le segwana sa go bolokela matlakala, ke maiteko a magolo a khansele mo morafeng jaaka go sa tswa go itemogelwa koketsego e ntsi ya matlakala.
A re e re ntswa e le boikarabelo jwa dikhansele go netefatsa fa tikologo e le phepa, go santse go tshwenya gore tlhokomelo ya matlakala e santse e le kgwetlho mo metseng.
A re moono wa letsatsi o maleba ka mo nakong eno, bontsi jwa malwapa bo sena digwana tsa polokelo matlakala, mme se se bake gore batho ba latlhele matlakala kwa mafelong a a sa letlelesegeng.
Ka jalo o gwetlhile lelwapa lengwe le lengwe go nna le segwana se se bayang matlakala ga mmogo le go kopa morafe go tsaya karolo mo maitekong a go tshwara tikologo ka pabalesego go e bolokela kokomane ya nako eno, le e etlang.
Go ya ka Mogolwane mo lephateng la botsogo jwa setshaba kwa khanseleng ya Goodhope, Mme Keolebogile Koosimile a re maikaelelo magolo a tiro e ke gore banni ba kgaolo ba nne le digwana tsa go bolokela matlakala mo malwapeng go fokotsa gore a gasagasege kwa go sa letlelesegeng teng le gore ba rotloetsege go duela gore ba tseelwe matlakala. A re se ke go leka go tshwaraganela dituelo le morafe mo nakong eno e lefatshe le tlhaelelwang ke madi.
Go ntse jalo, dikgaisano tsa letsatsi di ne di akareditse go thuba mabelo le go lemoga ba tsaya karolo mo mabelong a selekanyo sa 5km, 10km, 21km, gammogo le metse e e phepa le yo o tsibogetseng go duelela segwana sa go baya matlakala ngwaga ono o rogwa kwa kgaolong.
Batsaya karolo ba ba ikgapetseng dikgele tsa maemo a ntlha mo ditlhopheng tsa bo rre le bomme ka boraro mo go tsa mabelo, ke Evan Kiptani go tswa lefatsheng la Kenya le Mme Kefilwe Galeitsewe go tswa Molepolole ka maemo a ntlha mo lebelong la 21km, ba ikgapela P3,500, Rre Kelobone Mokgosana le Mme Lesedi Tumelo go tswa Molapowabojang ba ikgapetse sekgele sa ntlha mo go la 10km mme ba atswiwa ka P2,500 mongwe le mongwe.
Rre Matthews Mpipi go tswa kwa Lobatse le Mme Onneile Modukwane go tswa Tsoanyaneng ba ikgapetse maemo a ntlha mo go la 5km mme ba iponela P1,500 mongwe le mongwe .
Metse e e itshupileng fa e tshwere tikologo e e phepa mo kgaolong, e akareditse wa Sedibeng e le motse o monnye o o gapileng sekgele sa bophepa ka go fitlhelela seelo sa 92%, fa motse wa seelo se se fa gare oo gaisitseng ya nna Rakhuna ka 81% fa motse o mogolwane o o duleng ka tse di tsididi e le Pitsane ka 86%.
Mme Botho Kgomanyane ene o lemogilwe ka segwana se se bolokelang matlakala jaaka moreki wa ditirelo tsa go tseelwa matlakala wa ntlha monongwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Goodhope
Event : Letsholo
Date : 02 Sep 2025