Breaking News

Madiba M93 e supa lorato

02 Sep 2025

Bathuti ba pele ba sekolo se segolwane sa Madiba Class of 93 (M93) ba supile lorato le mowa wa bopelotlhomogi ka go thusa bao baba tlhokileng lesego.

Ba M93 ba agetse ba lelwapa lo-rra Mpotsang kwa Mmaphasalala ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boitiketso. Bangwe ba bone e bong Rre Kgosietsile Ngakaagae le Dr Goabilwe Ramaeba ba ne ba aga matlo a mabedi gore ba lelwapa ba latse tlhogo go santse go agiwa e tona. 

Fa a rola dikago tseo kwa Mmphashalala ka Matlhatso, Mothusa Tona wa Boatlhodi le Popo Sesha Magolegwa, Rre Augustine Nyatanga o ile a galaletsa ba M93 a re ba dirile tiro e tona ka go thusa bao baba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Nyatanga a re go direla ba lelwapa leo lo-rra Mpotsang go ba fa seriti.

A re puso e itlamile go tokafatsa seemo sa letlhoko la bonno a tlhalosa fa e ka se kgone e le nosi ka ntlha ya tlhaelo ya madi. O ile a ba rotloetsa go tswelela ba tsenya letsogo mo go tlhabololeng kgaolo ya Mahalapye East e a reng e saletse kwa morago ka ditlhabololo.

Mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo go go ageng bonno jo, mogolwane wa khamphani ya Botsino Cement, Rre Jeeva Kumar a re se ga se dikago fela, a re ke se supo sa dilo tse dintle tse di dirwang ke mokgatlho wa M93.

Rre Kumar a re tshwaragano e botlhokwa a tlhalosa gore fa batho ba tshwarane ba dira dilo tse dikgolo,jaaka setswana se re moroto wa esi ga o ele. O akgoletse Ba M93 matsapa le maiteko a bone go dira gore lenaneo le le kgonagale a tlholosa gore gone gose motlhofo.

Rre Kumar a re motho mongwe le mongwe o tlhoka bonno jo bo sireletsegileng, e bile jo bo babalesegile. Khamphani ya Botsino Cement e ba thusitse ka di mente tsotlhe tse di diresetsweng go aga.

Modulasetilo wa mokgatlho wa M93, Rre Jacob Tsebe a re mokgatlho wa M93 ke wa batho ba ba feditseng kwa sekolong se segolwane sa Madiba ka 1993. Rre Tsebe a re mokgatlho wa M93 o kwadisitswe ka fa molaong mme ga o dire dipoelo maloko a koleka madinyana go o tsamaisa. A re ba itlamile go busetsa kwa setshabeng a supa fa ba thusitse kwa Dibete, Mookane, Mokobeng, Mahalapye le Mmphashalala.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng o lebogile ba M93 go bo ba agetse borra-Mpotsang ka gore puso ka esi e ka se kgone. Mme Moepeng a re ba lelwapa leo, ba masome a mabedi le borataro go akaretsa mme, bana bale lesome le motso le banababana bale lesome le bone.

A re ba M93 ba thusitse thata ka khansele ena le batlhoki ba bantsi ba ba tlhokang bonno. Mme Moepeng a re ke boikarabelo jwa bagwebi le banaleseabe ka kakaretso go thusa puso. O kopile yo abetsweng bonno go tlhokomela ka lorato.

Yo o abetsweng dikago, Mme Goitsemodimo Mpotsang o lebogile thata a re ga a kitla a nelwa ke dipula, ba mo ntshitse mo matlotleng a a neng a wa fa diphefo le dipula dina. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mmaphashalala

Event : Kabo dimpho

Date : 02 Sep 2025