Breaking News

Melao e tlaa tokafatsa

01 Sep 2025

E re ka jaana lefatshe le tsamaisiwa ka madi a makgetho segolo jang go dira ditlhabololo, go mekgwa e e sa jeseng diwelang e e ntseng e dirwa ke bagwebi ba le bantsi ka go tlhoka go tsenya lekgetho le le tshwanetseng go akolwa ke lefatshe la Botswana.

Se se boletswe ke Mopalamente wa Kanye West, Rre Victor Phologolo a buisa phuthego kwa kgotleng ya Kgwatlheng kwa Kanye bosheng. O supile fa mongwe wa melao e e tlang, o tlaa ama le go gwetlha mogwebi mongwe le mongwe go rekisa dithoto le ditirelo ka go ntsha sesupo sa theko.

A re ka tshwanelo sesupo se tshwanetse gore e re se tswa se bo se romela molaetsa wa theko kwa go ba makgetho.  A re go duela ka dikarata go akaretsa le tsa Smega le gone go thusa go fetsisa molaetsa wa lekgetho ka tsela e e tshwanang. Ka jalo Mopalamente o gwetlhile banni go kopa sesupo tsa theko ga mmogo le go nna podimatseba gore ga ba duedisiwe ka letsogo, a re seo ga sena go dira motlhala wa theko go sala lekgetho morago.

O tlhalositse fa go na le dikgwebo tse di dirang mo lefatsheng leno di sena diofisi.  A re bagwebi ba tshwana le ba bojanala ba amogela madi ka bontsi mme a felela kwa mafatsheng aa kwa moseja le ntswa tse di bapadiwang e le tsa Botswana. Rre Phologolo a re tsamaiso e, e rontsha lefatshe madi a a tshwanetseng go le tlhabolola. 

A re dikgwebo tse di dirisang mafaratlhatlha a maranyane jaaka tsa Forex le ditirelo di tshwana le go duelela go leba ditshwantsho tsa motshikinyego jaaka tsa Netflix madi a tsone ga a boele lefatshe leno. Mopalamente o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le ntse le saletse kwa morago mo go gwebeng ka ditlhamo tsa segwana sa mafaratlhatlha (Online). 

A re badiri ba ditlhamo ba ba inaakantseng le go dirisa maranyane jaanong ba tlaa letlelesega go dira dipoelo. O dumelane le gore mebereko ya malatsi ano ga e tshwane le ya pele e e neng e le dipereko tsa motshegare. 

“Malatsi ano go berekwa le mo bosigong,” o weditse ka gore dikompone tsa maranyane tse kgwebo e direlwang mo go tsone, di dumelane le gore mogang molao o o siamisiwang lefatshe leno le ba itsese gore ba kgone go dira se se maleba go duela badiri ba ditlhamo tsa mo maranyaneng.

Go tsibogela mangwe matshwenyego a a neng a ntshiwa ke morafe mabapi le mosuke wa kokelwana ya Kgwatlheng, Mothusa Mokwaledi wa Khansele ya Kgaolo ya Kanye a lebaganye le dikgang tsa botsogo, Rre Conrad Ntsuape, a re mosuke wa kokelwana eo ke ka ntlha ya go bo e kgethilwe go fa ditlamelo tsa botsogo mo sebakeng sa dioura tse di masome mabedi le bone, e thuswa ke ya Molapowabojang mo kgaolong yotlhe. 

A re Kanye Main Clinic e dira go tshwana le tse tsotlhe mme e le kafa mhameng wa tsa pelegi. Rre Ntsuape a re ka tshwanelo go tshwanetse go nna le dingaka tse pedi nako tsotlhe, go seng jalo go na le baoki ba ba rutuntsheditsweng fa godingwana (family nurse) go ka thusa mo bo seyong jwa ngaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2025