Ramapodisi o kopa tirisanyo mmogo
01 Sep 2025
Ramapodisi a Palapye Superintendent Kodziba Phuluweni o rotloeditse ba ba gwebang ka go rekisa majalwa mo malwapeng go obamela molao wa dinako tsa thekiso le go rekisa majalwa a a letlelesegang.
O buile se, kwa phuthegong ya kgotla ya Mopalamente wa Palapye, Rre Onnetse Ramogapi kwa Makoro bosheng. A re ntswa go letlelewa majalwa mangwe go rekisiwa mo malwapeng, jaaka jwa Setswana, mme go tshwanetse ga obamelwa dinako tsa go tswala.
A re go na le bangwe bogolo jang kwa masimo ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ya bojalwa mo malwapeng mme ba felele ba tswala morago ga dinako kana ba sa tswale gotlhelele. Rre Phuluweni o tlhalositse gore ba setse ba nnile le kgang tsa dipolao tsa batho ba le babedi, rre le mme monongwaga kwa mafelong a thekiso ya dino, mme gape ba fitlhetse mafelo ao a sa obamele nako ya go tswala.
O kopile barekisi ba dino go obamela dinako tse di beilweng, a re go tlhoka go dira jalo, ba ka atlholwa madi a a kana ka P3,000. Ramapodisi o rotloeditse ba Makoro go bega dikgang tsa borukutlhi, a supa ba le maoto a tshupa go dira jalo.
A re go makgetho a le mantsi ba sepodisi ba fitlhela matlalo a dikgomo le ditlhogo mo sekgweng mme go sena mmelaelwa kana mongongoregi. A re fa seruiwa se timetse, se tshwanetse se begelwe ba sepodisi kana ba ba maleba gore se isiwe kwa matimeleng mme ga se a tshwanela go bolawa.
Mo go tse dingwe banni ba ne ba kopa go thusiwa ka ditlamelo tsa metsi, go baakanyetswa ditsela le go tsenyetswa metshelakgabo mo mafelong a go nang le dinoka teng kana melapo. E rile amogela batsena-phuthego, Kgosi Elizabeth Leso wa kgotla ya Khurumela kwa Palapye a supa fa masimo a Makoro e le mangwe a a botlhokwa thata e bile ba ntsha dijo tse dintsi mme ba sena ditlamelo tse di maleba.
A re jaaka paka ya dipula e le gaufi, balemi bao ba mo letshogong la gore ba tsile go nna le mathata a go tlhokomela masimo a bone sentle le gone go kgona go nna ba ya go tsaya ditlamelo kwa Palapye le Serowe. A re masimo a tshwana le a Makoro ke one mokwatla wa itsholelo, a re ditlamelo di tshwana le metsi a a nowang, metshelakgano le ditsela tse di gokaganyang masimo, di a tlhokafala gore banni ba nne sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Sep 2025