Breaking News

Ba Rotary club ba abela khansele dimpho

01 Sep 2025

Lekalana la Rotary Club la Francistown le roletse khansele ya Tutume mephuthelwana ya dimpho e le masome matlhano e e tla abelwang masea.

Mephuthelwana, eo e tla phatlhaladiwa le dikokelo mo metseng ya Sebina, Marobela, Maitengwe, Marapong, Semitwe le Marobela go abelwa masea a belegelwang mo mafelong ao. Leloko la Rotary Club, Mme Sitoboke Lesetedi a re ba lemogile fa go na le bomme ba ba tlhaelelwang ke ditlamelo tsa go amogela masea ka nako ya pelegi, mme ba sa kgone go bona dithuso ka jalo ba bonye go tshwanela go thusa batsetsi.

Mme Sitoboke a re lekgotla le tswa kagakala le thusa go tokafatsa mhama wa botsogo, ka go thusa ka dimpho.  A re sengwe se ba se dirang ke go tokafatsa seemo le tebego ka go baakanya bontlha bongwe jwa mafelo a bomme ba belegelang teng kwa kokelwaneng ya Marapong le Semitwe.

Modulasetilo wa khansele ya Tutume, Rre Tabona Masole yo o lebogetseng dimpho tseo o kgotlhaditse ba Rotary Club go tswelela ka go dira tse di thusang go tokafatsa matshelo a batho ka kakaretso. Rre Masole a re dimpho tseo ga se selo se sennye, ka gore di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a ba ba abetsweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Sep 2025