Banni ba Serowe ba lela ka matlotla
31 Aug 2025
Banni ba kgotla ya Tshikinyega kwa Serowe ba lela ka matlotla a a mo motseng wa bone, ba tlhalosa fa go direlwa borukutlhi mo go one.
Banni ba kaile fa bontsi jwa matlo ao e le a khansele fa mangwe e le a beng ba ne mme go sa itsiwe gore ke bo mang. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Serowe Bokone yo ebileng e le Mothusa Tona wa Papadi le Tlhabololo Dikgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe, kwa kgotleng ya Tshikinyega bosheng.
Mme Collinar Kgosidintsi o tlhaloseditse mopalamente fa matlotla ao a ngoka magodu ka ba iphitlha mo go one bosigo. A re matlo a khansele a kgautlhane ka go sa nne ope mo go o ne, mme a kopa gore khansele e a shafatse e bo e a firisetsa batho ba ba batlang boroko.
Rre Madikwe Ramothala le ene a lela ka ditsha dingwe kwa Tshikinyega tse di sa bolong go abelwa batho mme di sa tlhabololwe, jaanong go le dikgwa fela tse go direlwang borukutlhi mo go tsone. O ne a kopa ba kabo ditsha go bona gore beng ba tsone ba tlhabolola ditsha tseo.
Mme Seikaego Selepa o ne a lela ka bogodu jwa megala ya motlakase jo bo ileng magoletsa kwa Serowe. O boletse fa go utswiwa ga megala ya motlakase go ba jesetsa mo kgobedung ka gore ba duela madi a mantsi go e gokela.
Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha le le botlana la Serowe, Rre Sefane Phuthego o supile fa ba sa itse matlotla a a mo Serowe gore ke a bo mang, mme a kopa morafe gore o e kwa dikgosing ba botse ka matlotla ao, gore beng ba one ba kae e bile ke bo mang. Ka ditsha tse di sa tlhabololweng, Rre Phuthego o boletse fa jaanong ba feditse go potiela ditsha tseo, go setse fela go di aba gore ba fokotse dikgwa tseo tse di fitlhang dirukutlhi.
Fa a ba kgwa dikgaba ka matlo a khansele a a sa dirisiweng, Mopalamente Mathoothe o kopile khansele ya Serowe go shafatsa matlo ao ba bo ba firisetsa batho e le nngwe ya go tsenya madi mo letloleng la khansele.
O supile fa ba tshwenngwa ke matlakala a a latlhelwang gongwe le gongwe kwa melapong, ditsela tsa masimo le matlotla a kopa banni go nna seopo sengwe mo go somareleng tikologo e ba nnang mo go yone go hema malwetse a a ka ba tlhagogelang. O tlhalositse fa matlakala a leswefatsa tikologo mo Botswana ebile a tlaa koba babeeletsi.
Mopalamente a re marekisetso a a kwa Serowe Mall, a makgasa e bile go leswe, mme a re se se tlaa dira gore go ngoka babeeletsi go nne thata. A re o batla gore gaufi le marekisetso ao kwa go nang le phatlha teng, go agiwe a masha morago ga go ngoka babeeletsi ba dikgwebo. O tlhaloseditse banni ka seemo sa itsholelo ya lefatshe e e kwa tlase e bile puso e batla babeeletsi go tswakanya itsholelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Aug 2025