Breaking News

Thupa e na le seabe mo go ageng ngwana

31 Aug 2025

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ikageleng Phase 1 kwa Selebi Phikwe, Rre Silent Leburu, a re thupa e na le seabe mo go ageng ngwana kwa gae gammogo le kwa sekoleng

Rre Leburu o buile jalo bosheng fa a akgela mo pegong e e neng e dirwa ke Ratoropo wa Selebi Phikwe kwa bokopanong jwa khansele ka merero ya thuto. O kopile puso go sekaseka kgang ya go otlhaa bana ka thupa kwa dikoleng.

Rre Leburu a re selo se sengwe se se tshwenyang ke kgonkgontsho magareng ga baithuti kwa dikoleng e e tsweletseng ka go gola e bile e setse e ama maduo a  baithuti ba bangwe. A re kgokgontsho le botlhokatsebe jwa bangwe baithuti mo go  ba bangwe ga e jese diwelang, a re seo se ka felela se diga seriti sa dikole gammogo le batsadi kwa lwapeng.

Rre Leburu a re mangwe maitshwaro ao a kgokgontsho a felela a dira gore bangwe bana ba tseye  gore kgokgontsho ke yone tsela e e maleba ya go rarabolola kgotlhang. Rre Leburu a re kgokgontsho e e bakiwang ke bangwe baithuti mo go ba bangwe, e ba dira gore ba nne ka mowa wa go itlhoboga le gone go tshaba go supa bokgoni jwa bone.

O kopile makhanselara go dirisana ka tlotlo mo dikgang tse di ka isang khansele kwa pele e bile di baya dikeletso tsa Batswana kwa pele. O akgotse khansele go bo e kgona go tlamela baithuti ba dikole ka dijo le tse dingwe ka go farologana.

Mo go tsa tlhabololo matshelo le boipelego, Mokhanselara wa Botshabelo Legare Rre Mogomotsi Ditau, o kopile khansele go tlhatswa kgang ya go emisiwa ka nakwana ga lenaneo la Ipelegeng. A re seo se baka ketsaetsego le dikgang tse di senang boammaruri ka lone lenaneo le, sengwe se a reng se dira gore bangwe ba ipotse ka boleng jwa lone mo nakong ya gompieno. Rre Ditau a re e re ntswa le lenaneo leo e se la sennela ruri, le dira pharologanyo e e bonalang mo setshabeng.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Dimpho Moruti, ene o supa fa dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go gola, a re bomme ga se bone fela ba-tswa setlhabelo, le fa gontse jalo borre ba retelelwa ke go kopa thuso ka jaana gantsi ba jewa setshego fa ba ikuela.

O gateletse botlhokwa jwa go tlhoma madirelo a ka one go ka dirwang dingwe dijo ka maungo a sika loo namune go tswa Selebi Phikwe Citrus. A re go dira jalo go ka thusa go tlhama mebereko e e botoka le go tswakanya itsholelo ya toropo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya khansele

Date : 31 Aug 2025