Tshwaragano le bogogi e ka tsisa maduo
31 Aug 2025
Mopalamante wa kgaolo ya Mahalapye yo gape e leng Tona wa Ditlhaeletsano le Botlhami Rre David Tshere o kopile ba sepodisi go tshwaragana le bogogi jwa motse go lwantsha borukutlhi.
Rre Tshere o buile jalo mo bokopanong jwa gagwe le bogogi jwa sepodisi kwa Mahalapye ka Laboraro. Rre Tshere a re o tshwengwa ke dikgang tsa borukutlhi jo boileng magoletsa jwa dipetelelo le tiriso botlhaswa ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome boferabobedi mo go tsa tlhakanelo dikobo.
A re dikgang tse dingwe tse di tshwenyang thata mo kgaolong ya Mahalapye ke tsa dipolaano. O kopile mapodisi go ruta setshaba ka molato wa go tlhakanelo dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga mmogo le kotlhao ya one.
Rre Tshere o supile fa marekisetso a bojalwa a a bulwang gare ga masigo a gakatsa borukutlhi, a kopa gore diemelwe ka dinao. A re Mahalapye o itsege ka borukutlhi a supa fa seemo se, se diga seriti sa motse oo. O ne gape a ba kopa gore ba emele kgang ya ditagi ka dinao, segolo bogolo katse (Cat) e utlwalelwang kwa dikoleng.
Tona Tshere o supile letshwenyego la dikara tsa ditonki tse di tsamayang gare ga bosigo di rwele dithoto le diteraka tse di rwalang motlhaba tse le tsone di tsamayang bosigo. Rre Tshere a re tshwaragano ya bogogi jwa motse le ba sepodisi e botlhokwa ka e ka hema borukutlhi.
Mogolwane wa Mapodisi a kgaolo ya District No 16, Senior Superintendent Nicolas Kadiatla, a re 2024 ba fokoditse borukutlhi ka 19.8 per cent go feta seelo se se beilweng sa 5 per cent. Rre Kadiatla a re kgaolo ya District No 16 e okametse metse e le masome a mane le bobedi, dipolasi le meraka, tsela ya A1 gotswa Masama goema ka Radisele, diofisi tsa sepodisi di le thataro le makalana a sepodisi a le masome a mabedi le borataro. Rre Kadiatla a re ba itemogela tlhaelo ya boroko jwa bodiredi, a tlhalosa fa letlhoko la boroko le baka tlhaelo ya mapodisi.
A re kgolo ya melato ya batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi e a tshwenya, a supa fa ba tswelela ba itemogela ditagi tse di fetang kwa kgaolong ya Mahalapye di tsena ka dipolasi tse di fa thoko ga noka di tswa kwa mafatsheng a mangwe. A re ba na le mananeo a tshwaragano ya mapodisi le setshaba le mananeo a go tsamaya ba phuruphutsha le dikganedi tsa tsela tse a reng di fokotsa borukutlhi.
Mokhanselara wa Kgaolo ya Madiba, Rre Mokgweetsi Moisiraela, a re go loma mapodisi tsebe ga gona molemo ope ka jaana mapodisi mangwe ba dirisanya le dirukutlhi. Rre Moisiraela a re batho ba dikara tsa ditonki tse di tsamayang masigo ba utswa dipudi le dikoko.
Fa mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Kesegofetse Magapa, a akgotse mapodisi a re ba dira tiro e ntle ya go lwantsha borukutlhi. Mme Magapa o ne a lebogela lekalana le le haphegileng la tshireletso ya bana a tlhalosa fa le tlaa tokafatsa dikgang tsa bana. A re maikaelelo a bokopano jo, ke go bopa tshwaragano ya bogogi jwa kgaolo le sepodisi go lwantsha borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Bokopano
Date : 31 Aug 2025