Re-A-Nyalana e tsweletse ka go aga malwapa
28 Aug 2025
Lenaneo la Rea-Nyalana le tsweletse ka go tshwaragana batho baba nnang mmogo ba sa nyalana.
Ba lenaneo la Rea-Nyalana ba ne ba nyadisa batho bale masome a mabedi le botlhano ba metse ya Mookane, Palaroad le Makwate kwa Mookane ka Labobedi.
Fa a bua kwa moletlong, Mothusa Tona wa Boatlhodi le Popo Sesha ya Magolegwa, Rre Augustine Nyatanga o supile fa lenaneo la Re-A- Nyalana le dira tiro e e botlhokwa ya go rotloetsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tsena mo nyalong ka fa molaong.
Rre Nyatanga a re lenyalo la lenaneo la Re-A-Nyalana ke lenyalo tota le go iwang kwa ga molaodi gona le basupi le setlankana. A re go nyalana kafa molaong ke go thaya tshimologo ya bo kamoso jo bo siameng jwa bana.
Rre Nyatanga o rotloeditse banyalani gore ba tshedisane sentle, ka lorato a tlhalosa gore tirisanyo mmogo e botlhokwa e aga lelwapa. A re go botlhokwa gore se motho a se simololang go siame a netefatse gore o se fetsa jaaka a ikanne gore ba tlaa kgaogangwa ke loso.
Rre Nyatanga a re maikano a bone e ne aa tswang mo boteng jwa pelo, a tlhalosa gape gore baitse gore ke batho bale babedi ba ba sa tshwaneng mme ka jalo ba tlaa farologana ka dilo tse dingwe.
O akgotse ba lenaneo la Rea -Nyalana tiro e ntle e ba e dirang ya go aga malwapa ka semolao. A re lefatshe leno le kaiwa le na le batho ba ba tletseng shakgalo ee supiwang ke kgokgontsho ee felelang e baka dipolaano.
O ba kopile gore ba seka ba amega mo ditiragalong tsa kgokgontsho a ba rotloetsa borre gore fa ba na le diemo kwa malwapeng ba kope thuso ko mapodising, bo kgosi le baruti.
Mogolwane wa lenaneo la Rea- Nyalana Mme Motshidisi Morwaagole a re ba ne ba bopa lenaneo le ka ba ne ba lemoga fa batho ba jewa ntsoma fa yo mongwe a tlhokafetse ba sa nyalana.
Mme Morwaagole a re lenaneo ga lena dipoelo a tlhalosa gore tiro ya lone ke go thusa go emisa kgokgontsho ga mmogo le hema kgogakgogano ya dithoto.
Mme Morwaagole a re ba setse segofaditse banyalani bale 729 lefatshe leno ka bophara, ba bo ba thusa ba ba runtshiwang ditshwanelo tsa boswa bale 14 458. A re mo manyalong a 729 ao ga gona le le thubegileng.
A re pele ga ba nyalana ba ba direla di thuto-puisano go ba ruta gore fa ba saena ba bo baitsi gore ba dira eng. Mme Morwaagole a re ba baruta ka lenaneo la go aba boswa ba santse ba tshela.
A re ba dirisana le offisi ya ga molaodi, ya Omang le Master’s Office. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe selotlegeng
Location : MAHALAPYE
Event : Lenaneo la Rea-Nyalana
Date : 28 Aug 2025