Matolwane o kopa go ikemela
28 Aug 2025
Tona wa Dikgaolo le Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o solofeditse banni ba Lesenepole gore e tlaare mo sebakeng sa kgwedi a boele kwa go bone go ba rolela tshwetso e e tserweng mabapi le kgang ya bone.
Se se tla morago ga gore Rre Motshegwa a etele motse oo ka Mosupologo go reetsa kgang ya bangwe ba motse ba ba supileng fa e le ba Matolwane mme ba kopa gore ba kgaoganngwe le ba Lesenepole gore ba ikemele.
Ka jalo Rre Motshegwa o ne a re o ya go lebelela tse banni ka go farologana ba se buileng kana ba di ntshitseng le mekwalo e e tlaa kwalwang mme a tsee tshwetso e e maleba.
A re tshwetso e e tlaa tsewang ga go ree gore e tlaa itumedisa botlhe mme banni ba tshwanetse ba amogele gore mongwe le mongwe o ne a neelwa sebaka sa go bua ka kgololesego.
O ne a gakolola banni go kwala ditso tsa motse wa bone gore di seka tsa nyelela le gore ba itse gore bogosi bo tlhomagana jang le melelwane ya metse e tsamaya jang.
Rre Motshegwa o supile fa a tshwentswe ke dikgang tse di amanang le bogosi le maina a motse a supa fa se se kgona go busetsa ditlhabololo kwa morago.
E ne e rile go le pele mongwe wa dibui kwa phuthegong eo,
Rre Gareaitse Spark o ne a supa fa ba kopa puso go ba kgaoganya le Lesenepole mme ba bitswe Matolwane.
O ne a re ba bitswa Lesenepole ntswa e se leina la bone ka jalo ga go ba itumedise gore ba bitswe ka leina le eseng la bone.
A re Lesenepole ke rraabone mogolo mme go le pele ba ne ba bitswa Matolwane mme ga tshwarwa ditlhopho tsa leina la motse mme la fetoga go nna Lesenepole.
O tlhalositse fa ditso tsa bone di a nyelela ka ba beilwe ka fa tlase ga Lesenepole ntswa go sa tshwanela gore go nne jalo.
A re ba Lesenepole ga ba ba rerise sentle fa go tla mo dikgannyeng tse di farologaneng tsa motse e bile ba ikgagapeletse kgotla e go kabong gotwe ba e kopanetse mo go felelang dikgosi tsa bone di e fapaanela bogosi jwa teng.
Rre Spark a re fa go tsena ditlhopho tsa VDC ba Lesenepole ka ba le palo e ntsi go tsena bone ka palo e ntsi e bo e nna bone ba laolang.
A re ba batla go akola lefatshe la bone mme motse o o ka kgaolwa fela jaaka wa kgagodi le Diloro.
Rre Spark a re go na le molelwane e bile ditlhabololo jaaka kgotla, sekole le kokelwana di fa gare ga Matolwane le Lesenepole.
Rre Mogomotsi Johannes o ne a gatelela mafoko a ga Rre Spark mme a supa fa morafe wa Matolwane o batla go kgaoganngwa le wa Lesenepole ka e bile ba itse le melelwane ya dikgotla tsa bone gore e tsamaya jang le one mabitla a bone a kgaogane.
Ntswa bangwe ba ne ba supa fa ba batla go kgaoganngwa le ba Lesenepole, bangwe ba ne ba supa fa go sa tlhokafale gore ba kgaoganngwe mme tshwetso e sale e tserwe ke ditlhopho tsa motse tse di neng tsa dirwa ka ngwaga wa 2015 tsa felela leina la Lesenepole la fenya.
Rre Olebeletse Keitiretse o ne a kopa gore Tona Motshegwa a tlhotlhomise kgang e ka kelotlhoko a supa fa ba Matolwane ba ba fitlhetse mo thoteng eo.
A re mo motseng wa bone ga gona molelwane ope o o leng teng le ba Matolwane ka jalo ga gona fa ba ka kgaoganyang teng.
Rre Ponatshego Banyatsi le ene o ne a gana kgang ya gore Matolwane a ikemele e nne motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lesenepole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Aug 2025