Monna o fitlhetswe ka dinaka
27 Aug 2025
Monni wa Ditshegwane o tshegeditswe ke mapodisi go thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka dinaka tse go belaelwaang e le tsa tlou.
Rre yoo, wa dingwaga tse di magareng ga masome mararo le masome a mararo le botlhano, o tshwerwe ka Matlhatso.
Superintendent Amos Kekgathetse a re ba tsweletse ka go batlisisa gore mmelaelwa o tsaya kae dinaka tse, le gore a o ka tswa a amega mo polaong ya tlou kana a di itsheletse.
Mo go tse dingwe dikgang tsa borukutlhi, Supt Kekgathetse a re ba tlhotlhomisa tiragalo e go thubilweng ofisi ya boipelego, mme ga utswiwa di laptop tse pedi ka Matlhatso, kwa kgotleng ya Tshosa kwa Letlhakeng. Ga go ise go tshwarwe ope mabapi le tiragalo e.
Nngwe ya dikgang tse di begetsweng mapodisi ke e diragetseng kwa kgotleng ya Moiphisi kwa Letlhakeng, ya go thubiwa ga koloi ya Toyota double cab le go utswa dithoto tsa di ka lopang P4,000 le madi a a kana ka P200.
Supt Kekgathetse a re ba begetswe gape tiragalo e mo go yone ntlo ya Setswana e neng ya jewa ke molelo kwa morakeng wa Dinonyane gone ka Matlhatso. A re dipelaelo ke gore ntlo eo, e tlhoseditswe ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe, morago ga tlhatlharuane le moratiwa wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe (39).
Supt Kekgathetse o gakolotse setshaba go tshwaa dithoto tsa bone jaaka di Laptop, gore fa di utswilwe di batliwe ka letshwao. O kopile baratani gore fa ba na le mathata ba kope dikgakololo mo bagolong kana kwa mapodising, ka gore dikgang dingwe di rarabololwa ka go buiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2025