Puso e tlhomile leitlho tiriso ya madi a setshaba
27 Aug 2025
Mothusa Tautona, yo gape e leng mopalamente wa Gaborone Bonnington South, Rre Ndaba Gaolathe a re tiriso ya madi a setshaba ka kelelelo e botlhokwa e bile puso e tsaya ka tlhwaafalo go netefatsa gore madi a dirisiwa mo ditirong tsa lefatshe tse di maleba.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Marulamatsi mo Gaborone ka Mosupologo, Rre Gaolathe a re dilo tsa ntlha tse puso e itebagantseng le go di dira gore e kgone go tokafatsa itshololelo, ke go kaba diphatlha tsotlhe tse madi a setshaba a lemosegileng a senngwa ka teng.
Ka jalo Rre Gaolathe a re puso e simolotse go netefatsa gore madi otlhe a a tswang go tshwanetse ga tlhalosega gore a ntshediwa eng le gore a ya go dirisiwa ka tsela e e ntseng jang, go itsa tshenyo e e tseneletseng ya madi.
O supile fa maiteko a puso a go hema tshwenyetso setshaba le tiriso botlhaswa ya madi a setshaba a simolotse go ntsha maduo.
Rre Gaolathe o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go tokafatsa seemo sa itsholelo gore e kgone go fetola matshelo a Batswana e sa lomeletse kgotsa e tlogela Motswana ope kwa ntle.
E re le ntswa mo nakong ya gompieno lefatshe le lebanwe ke seemo se se sa iketlang sa itsholelo e e kwa tlase, Rre Gaolathe o supile fa a na le tsholofelo le tumelo gore lefatshe la Botswana le tsile go tswa mo seemong se le leng mo go sone ka go fetlha ditiro, go aga le go tokafatsa seemo sa botsogo le thuto.
Boeteledipele jwa lefatshe le ka go farologana, bo ntse bo tsamaya le mafatshe go ngoka babeeletsi gore itsholeleo ya lefatsshe e kgone go simolola go fetlha ditiro tse di lekaneng.
A re maikaelelo a puso, ke go dira ka natla le ka bofefo jo bo kgonagalang go tokafatsa seemo sa itsholelo ka go baakanya ditsamaiso tsa lefatshe.
“Re eletsa gore re nne lefatshe le le direlang Batswana ka go lekana, le sa lomeletse ope e bile le sa tlogele ope kwa ntle. Ke gone kwa re yang teng, ka gore re tshwanetse gore re direle dilo mo pontsheng re le mmogo,” ga bua Rre Gaolathe.
Maikaelelo magolo a puso, ke go tlhabolola mehama yotlhe ya itsholelo gore e kgone go kabakanya itsholelo gore e atlege ka go itsa go ikaega fela ka diteemane.
A re mo nakong ya gompieno, puso e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tokafatsa seemo sa botsogo, thuto, gammogo le go tlhabolola dikago, ditsela le diporo.
A re go maleba gore puso e tlhabolole mohama wa temo thuo, bojanala, ditsela le diporo gore dithoto tsa bagwebi ba ba mo Botswana le ba ba kwa ntle di kgone go fitlhelela mebaraka e e maleba go leka go fetlha itsholelo.
Mo godimo ga moo, Rre Gaolathe a re go maleba gape go patika puso gore e tlhwaafalele go tlhabolola seemo le serodumo sa dikhampane tse goromente a nang le seabe mo go tsone, jaaka Botswana Meat Commission, Botswana Vaccine Institute, Botswana Savings Bank, Botswana Building Society, magareng ga tse dingwe.
Bontsi jwa dikhampane tse, a re ga di na tsamaiso e e siameng mo go bakang tatlhegelo ya madi ngwaga le ngwaga.
Ka jalo, a re go maleba gore puso e potlakele go tlhabolola ka fa dikhampane tse di ntseng di dira ka teng gore go kgonwe go fetlhwa ditiro tse dintsi le go oketsa letseno le lentsi mo lefatsheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2025