Breaking News

Ba kopa puso go boela tshwetso morago

27 Aug 2025

Banni ba metse ya Tupya, Malete, Seleka le Rasesa ba kopa puso go busetsa leina la motse wa bone la Tumasera le ba neng ba dumalane go bitswa ka lone.

Ba kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tsa Ngwao, Rre Ketlhalefhile Motshegwa kwa metseng eo ka Mosupologo, e maikaelelo a yone e neng e le go tla go utlwa dingongora tsa bone mabapi le leina la motse.

Ba re ba ne ba kopana e le metse e mene ya Tupya, Malete, Seleka le Rasesa mme ba dumalana ba bo ba tsamaya ditsela tsotlhe tse di maleba go isa leina leo, mme puso ya dumela gore ba bitswe ka lone.

Ba re tshwetso ya go bitsa ka leina leo ba ne ba e tsaya ka ba ne ba bona ba nna mo thoteng e le nngwe mme metse ya bone ka bongwe ka bongwe e sena dipalo tse dintsi, ka jalo ba bona go tshwanela gore ba kope ditlhabololo ba ikopantse. 

Ba re maina a metse ya bone ga a a nyelela mme a ntse a teng a a dirisiwa.

Ka jalo ba ne ba gakgamala fa ka ngwaga wa 2023 tona wa pele Rre Kgotla Autlwetse a ne bitsa phuthego go tla go phatlalatsa leina leo, a supa fa metse ya bone e le mene jaanong e le metse e e ikemetseng ka nosi, a ba a laola gore kgotla e ba neng ba ntse ba e dirisa ya Tumasera e tswalwe.

Ba re fa ba santse ba gakgametse, magosi a dikgotla tsa bone a ne a fudusetswa kwa Palapye fa yo mongwe a isitswe Mahalapye. 

Ba supile fa tse di dirilwe go sena morero ope.

Ba re tiro eo e ba hutsafaditse ya ba ya simolola go tsisa dikgotlhang tse di neng di seyo pele.

Mongwe wa ba ba neng ba akgela kwa phuthegong eo, Rre Basiami Kolagano wa Rasesa, o ne a re tshwetso e e neng ya tsewa e ne ya ba gakgamatsa ka e ne e tserwe go sena morero o ba dumelang fa o ne o tshwanetse go nna.

A re fa batho ba bopile sengwe ba le mmogo, yo mongwe a bona se na le bothata ke tshwanelo ya gore a boele kwa go ba a neng a buisanya le bone go bua gore ga go a siama fa kae, mme ba gakgametse fa tona wa pele a ne a tla kwa go bone go sena yo o kileng a tla a tshwentswe ke tshwaragano ya bone.

A re go a gakgamatsa ka mo metseng eo go sena yo o kileng a supa fa a fetogela morero o o neng wa dirwa ke morafe e bile le bone ba ba leng teng ba ise ba bitse morafe o o neng wa dumalana gore ba batla go kopana gore ba bone ditlhabololo ba le mmogo.

Rre Kolagano o ne a kopa puso go bula kgotla ka e le yone e ba tsayang ditlamelo mo go yone a supa fa mo nakong eno ba tsaya ditlamelo kwa Ramokgonami, mme se se le bokete mo go bone a supa fa ba thaile kgotla eo mmogo go sena dintwa dipe.

Go sale foo, Rre Gaotlhobogwe Maleele wa Rasesa o ne a seka a dumalana le mogopolo wa gore ba bitswe ka leina Tumasera, mme a supa fa go kopanya metse ya bone go tlaa bo go bolaya tlholego le ditso tsa bone. 

A re metse e tshwanetse e bone ditlhabololo ka bongwe ka bongwe mme e tlhabologe e bile e utlwale gore e teng.

Le fa go ntse jalo, Tona Motshegwa o ne a supa fa maikaelelo a gagwe e ne e le go tla go reetsa banni a bo a tsaya tshwetso e e lebaneng le se ba neng ba se bua le gore molao wa reng. 

A re e tlaa re mo sebakeng se se ka fa tlase ga kgwedi, a boele kwa go bone go tsisa tshwetso e e tserweng.

A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a reediwe mme se a se buang se tlaa itshupa gore a sena le boleng kana jang. 

O ne a kopa banni go isa kagiso kwa pele mme ba seka ba eteletsa diphapang tsa bogosi kwa pele.

Rre Motshegwa o supile fa go na le molao wa peo ya metse le dikgaolwana o o elang tlhoko dipalo gore motse o na le dipalo tsa batho di le kae o bo o tshwanelwa ke ditlhabololo dife. 

A re go tshwanetse go elwe tlhoko dikeletso tsa batho gore ba bona se se ba siametseng e le eng. 

O ne a supa fa dikeletso tsa morafe di kgona go fapaana le molao, ba eletsa jaana mme molao o sa letle gore go nne jalo.

Tona o tsweletse ka go ba  sedimosetsa fa go ka nna le leina Tumasera mme go tlaabo go sobokilwe metse ya bone ka jalo ditlhabololo di bo di tsisiwa e le tsa bone botlhe mme go ka lebiwa gape gore go dirisiwe maina mme a somarela ditso le ngwao. 

A re go ka dirwa gape gore ba ikemele ka nosi mme ditlamorago ke gore ditlhabololo di ka paralala mme mo gongwe di bo di sa tle jaaka banni ba eleditse.

A re tshwetso e e tserweng e tlaa itsisiwe banni mme fa e tsisiwa e seka ya ba gakgamatsa ka ba buisantse ba utlwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Tumasera

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Aug 2025