Breaking News

Kabakanyo ya itsholelo e tlhoka botlhe

26 Aug 2025

Banni ba kgotla ya Botalaote mo Serowe ba rotloeditswe go tsena mo dikgwebong tse di ka thusang go kabakanya itsholelo.

Mopalamente wa Serowe Bokone, yo gape e leng Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Tlhabololo Dikgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe o buile sa ka Mosupologo.

A re tharabololo ya seemo se se apereng lefatshe sa letlhoko la madi e mo maruding a Batswana, ka jalo ba inaakanye le tsotlhe tse di ka rudisang itsholelo.

Rre Mathoothe a re go kwelotlase  ya theko  diteemane, tse e ntseng e le mokwatla wa itsholelo go bakile babaletse itsholelo. 

“Nako e tsile gore lefatshe la Botswana le boele kwa marakanelong, le simolole go dira methale e mesha ya go kabakanya le go godisa itsholelo, diteemane ga di sa rekwa, re tshwanetse ra itlama go thusa mo kgodisong le kabakanyo ya itsholelo ya rona” ga tshwaela Rre Mathoothe. 

Rre Mathoothe a re puso e itlamile go rotloetsa maiteko otlhe a a dirwang go tsosolosa itsholelo, a re sengwe sa tse di dirilweng ke gore Palamente e fetisitse molawana o letlang go lengwa ga setlhatshana sa Hemp, se a bolesteng se le bogadi bogaufi se tla thusang go fetlha itsholelo ka se dirisiwa go ntsha dithoto ka go farologana di akaretsa le go dira melemo.

O tsweletse a re Palamente e fetisitse molao kakanyetso o o tla tlamang bagwebi go duela lekgetho, segolo bogolo ba mohama wa tsa bojanala. 

Rre Mathoothe a re puso e lemogile  gore dikgwebo dingwe tsa bojanala di duedisetsa ditlamelo tsa bone kwa mahatsheng a sele, mme se se dire gore lefatshe la Botswana le jewe ntsoma, ka le sa bone dipoelo dipe mo tsamaisong eo. 

O tlhalositse gore  Botswana o ne a tumile ka dikoporase pele ga go simolodisiwa kepo le thekiso ya diteemane, ka jalo a re puso e mo tseleng ya go tsosolosa dikoporase. Mothusa tona, o tlhalositse fa dikoporase e le nngwe tsela e bogogi bo itemogetseng gore e ka  dira madi, ka jalo o kgothaditse setshaba go ikgobokanya, go simolodisa dikoporase kgotsa go nna maloko a tse di setseng di le teng.

Rre Mathoothe a re fa setshaba se dira ka natla se tshwaraganetse mokgweleo le puso, itsholelo e ka tsoga. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Botalaote, Mme Tebogo Rapitsinyane a re komiti e tshwenngwa ke dikoloto tsa matlo, ka jaana bahirisi ba tlhoka go salwa morago gore ba duele.

Mme Rapitsenayane o kopile, Rre Mathoothe go ba thusa go lwantsha seemo se, ka gore bangwe ba bone ke badirela ba puso ka jalo go ka nna motlhofo gore ba duele rente. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2025