Phuthego o bolokilwe ka matlhatso
26 Aug 2025
Matshwititshwiti a ne a tshologetse phitlho ya motshwarelela mogolwane wa Botswana Railways(BR) Rre Baboloki Phuthego ka Matlhatso.
Rre Phuthego o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le botlhano kwa Maun morago ga go kubugelwa ke bolwetse, a le mo loetong la tiro.
Rre Phuthego o tlhomilwe gonna moemela mookamela khamphani ya BR kgwedi ee fitileng ele lesome le boferabobedi maemo aa tlhokafalang ale mo go o ne.
O tsene mo kwa BR ka ngwaga wa 2004 a le mo maemo a Civil Engineer ka bokgoni jwa gagwe le dithutego o ne tsena mo maemong a magolwane ka go farologana ga one ga mmogo le go etelela mananeo a khamphani.
Tona wa lephata la Dipagamo le Dikago Rre Noah Salakae o boletse fa e rile kgwedi ya Phukwi e rogwa ga tsisiwa leina la ga Rre Phuthego ko go ene le tswa mo khuduthamageng ba supa fa ana le bokgoni jwa go ka etelela BR.
Rre Salakae a re o ne kopana le bogogi, mme jwa supa fa Rre Phuthego a nonofile goka go tshwarelela mogolwane wa BR go fitlhela a tlhomamisiwa kana go tsengwa yo mongwe.
Rre Salakae o boletse fa bane ba na le bokopano le lekoko lele rulaganyetsang lenaneo la go agiwa ga seporo sa Trans Kalahari/Namibia fa Rre Phuthego a kubugelwa ke bolwetse a bo a tlhokafala. Rre Salakae o supile fa a tsile go gomotsa ba lelwapa a tlhalosa .
Rre Salakae o boletse fa Tautona Avocate Duma Boko a mo laetse gore a fitise kgomotso ko go ba lelwapa. O gomoditse le badiri ba BR a ba solofetsa gore o tlaa bereka le bone go aga sesha khamphani ya BR, a bo a tlhalosa fa ana le tumelo ya gore ba tlaa kgona.
Moemedi wa ba BR, Rre Semabale Tladi o kaile fa Rre Phuthego e ne ele mmereki wa popota e bile a le boineelo a tlhalosa gore o dirile gole gontsi go aga BR. Rre Tladi a re Phuthego e ne ele tsala, motsadi a gakolola badiri ka e bile a na le kitso e ntsi ka tiro ya seporo.
Rre Tladi a re seabe le boeteledipele jwa gagwe mo khamphaning ke tatlhegelo e tona.
Babui ka go farologana ba kaile Rre Phuthego e ne ele motho yo o botlhale e bile a le lorato mo go botlhe.
Moemedi wa ba lelwapa loora Phuthego Rre Nunu Lesetedi, o boletse fa a ne a rata leruo le ditiro tsa selegae. Rre Lesetedi a re Phuthego ene ele pinagare ya lesika a ba thusa, gape a rata ba lelwapa la gagwe thata.
Moemedi wa bagwagwadi Rre Dimpho Monthe o kaile Rre Phuthego ene ele ngwana a dira ditiro tsotlhe tsa bone ka lorato. Rre Monthe a re o ne a le bonolo le pelotelele a ba agisanya a jwala mowa wa neelano mo go bone.
Ngwana wa ga Phuthego, rre Sekgele Phuthego o boletse fa loso la ga rraagwe e le tatlhegelo e kgolo e baneng ba sa e solofela. Rre Sekgele Phuthego a re e ne ele mokaedi wa gagwe a tlhalosa fa a ithutile gole gontsi mo go ene go akaretsa le ditiro tsa moraka.
A re rraabone o ba godisitse ka lorato a ba aga a ba ruta botho a tlhasa fa toro ya gagwe ele go tshwana le rraagwe. Rre Phuthego o tshotswe kgwedi ya Lwetse e le boferabobedi ka ngwaga wa 1966 kwa Serowe,o tlogela mohumagadi wa gagwe le bana ba babedi mosimane le mosetsana le batsalwa le ene bale batlhano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Mahalapye
Event : Phitlho
Date : 26 Aug 2025