Breaking News

Moswaane o rotloetsa ba Matlhakola go rapelela boipuso

26 Aug 2025

Batswana ba tshwanelwa ke go lebogela Modimo letsatsi la boipuso, ka gore fa e sale Botswana a ipusa ga go ise go nne selabe sepe. 

 Fa a bua kwa Matlhakola bosheng,  kwa go neng go phuthagane dikereke teng,  Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane,  Batswana ba tshwanetse ba rapelele kgololesego eo, ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Lwetse. 

Rre Moswaane a re Batswana ba leboge Modimo ka ke ene a neng a laola gore go nne jalo.

O rotloeditse ba Matlhakola go tswelela ka dithapelo tse ba supileng fa ba di tshwara ngwaga le ngwaga pele ga boipuso ka go dira jalo e le tiro e e molemo.

 A re se se itumedisang ke gore ba Matlhakola ba a lemoga e bile ba a itse gore boipuso ba bo tsere mo go mang le gore ba bo tsere jang.

Rre Moswaane a re le fa mafatshe mangwe a tsere boipuso ka tshololo ya madi, seo ga se a ka sa diragala mono, Botswana o bo tsere ka kutlwelobotlhoko ya Modimo mme, ba tswelele ka go rapelela thulaganyo eo.

Rre Moswaane o kopile batsadi go ruta bana ka Modimo le mosola wa thapelo ka ba tlaa gola ba itse molemo le bosula. Kgosi Tlhabologo Pobetsi wa Matlhakola, o ne a leboga Rre Moswaane go bo a bone botlhokwa jwa go tla go rapela le bone.

O supile fa go sena ngwaga o motse oo, o sa ketekeng boipuso le fa puso e sena madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya dikereke

Date : 26 Aug 2025