Ipeleng ka ngwao ya lona - kgosi
25 Aug 2025
Banni ba Motokwe ba kgothaditswe go simolola go ipelela le go ipela ka ngwao ya bone.
Kgosi Batho Tshoso wa Motokwe o buile se ka Labotlhano, kwa moletlong wa ngwao wa dikgafela jaaka banni ba ne ba isa thobo kwa kgosing go lebogela Modimo dipula tse di namagadi tsa paka ya temo e e fetileng le go kopa ditshegofatso tsa paka ya temo e e tlang.
Kgosi Tshoso o ne a tlhalosa gore go ipelela le go ipela ka ngwao go ka thusa banni go itse ditso tsa bone le go ba rotloetsa go di tshegetsa, a re gape go bopaganya banni le gone tota go betla boitshwaro jo bontle mo bathong.
Mongwe wa dibui, Dr Mosiamise Mokgolele o ne a gatelela botlhokwa jwa go itse ngwao le go e dibela. O ne a kopa morafe go tsibogela mafoko a kgosi, a gore go boelwe kwa marakanelong go ipela ka ngwao.
A re setlhogo sa monongwaga sa ‘Bana ba kgwale ba bitsana ka molodi’ se rotloetsa banni go ema mmogo go thusana segolo jang go tokafatsa thobo.
Dr Mokgolele o ne a kopa balemi go dira ka natla go bona gore ba jesa lefatshe le go godisa itsholelo ya lefatshe.
A re kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe, e bakilwe ke go bo le ne le ikaegile thata ka teemane e gompieno theko ya yone e wetseng tlase.
Seemo se, o tlhalositse fa se pateleditse puso go tla ka metlhale ya go tsosolosa itsholelo, e mo go yone temo-thuo e beilweng kwa setlhoeng.
A re se se tsibosa balemi go ema ka dinao go thusa puso go godisa itsholelo le go jesa lefatshe.
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane e bile e le tona ya metshameko le bodiragatsi Rre Jacob Kelebeng o ne a lebogela banni go tshegetsa moletlo oo wa ngwao.
Rre Kelebeng o ne a kopa balemi go dira go menagane gore ba fokotse letlhoko la dijo, a tlatsa ka gore dilo di tshwana dikoporase di ka thusa go tsosolosa itsholelo.
Modulasetilo wa komiti ya dikgafela Mme Moamosiemang Dikomane o boletse fa maikaelelo e le go nna le meletlo e e farologaneng e e tlotlomatsang ngwao ya bone, a supa gape fa ba itlamile go tshwaragana le merafe e mengwe mo ditirong tsa ipelelo ngwao.
O ne a tlhalosa gore thobo e e phuthilweng ka moletlo wa bone wa dikgafela e tlaa fiwa banno segolo bao ba ba tlhokileng lesego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Motokwe
Event : Ipelelo moletlo wa ngwao
Date : 25 Aug 2025