Bana ba basimane ba tlhoka kgodiso e e lolameng
25 Aug 2025
Mogolwane go tswa kwa Kamal Jacobs Foundation Mme Modiegi Seleka o rotloeditse malwapa go fa bana ba basimane kgodiso e e siameng gore ba gole go nna borre ba ba nang le boikarabelo.
Mme Seleka o buile jalo kwa tshimolodisong ya mosepele wa malatsi a robabobedi o ka one Rre Reginald Setlhora wa lekalana le le ikemetseng la Total Man a gasang molaetsa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, kwa Lobatse ka Labotlhano.
A re bana ba basimane ga ba tlhokomelwe sentle mme seo se dira gore ba itlhoboge mo ba felelang ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng.
Mme Seleka o tsweletse a bolela gore tse dingwe tse di ngomolang pelo ke gore bomme bangwe ba nna le bakapelo ba ba farologanyeng fa pele ga bana, fa bangwe ba itewa bana ba lebile mme dilo tse, di ame maikutlo le ditlhaloganyo tsa bana.
Fa a bua ka mosepele wa gagwe Rre Setlhora o ne a bolela fa kgokgontsho ya bong e tsere phekelo e sele, a supa fa jaanong e le nako ya gore go dirwe diphetogo go itepatepanya le seemo se.
O boletse gore go botlhokwa gore go bonwe modi wa kgokgontsho, a tlhalosa gore e re ka jaana maikutlo a motho wa rre a sa a wele motlhofo go botlhokwa gore borre ba rotloediwe go bua le go ntshetsa dikgang tse di ba tshwenyang kwa ntle.
Rre Setlhora o boletse gape gore kgodiso ya bana e tshwanetse ya tshwaraganelwa ka jalo a kopa batsadi go tshwaraganela tiro e e masisi e.
Rre Setlhora a re mo mosepeleng wa gagwe o a neng a o simolola kwa Lobatse, o tlaa feta ka mafelo a le mmalwa a akaretsa Molapowabojang, Kanye, Gaborone mme o tlaa o wetsa kwa Molepolole kwa e leng legae la lekalana la gagwe la Total Man.
Inspector Maungo Joseph go tswa kwa go ba sepodisi a re kgokgontso ya bong ke leru le lentsho le le apesitseng lefatshe mme seemo seo se tlhoka tshwaragano ya botlhe go se lwantsha.
A re go a tshwenya gape go bo dipalo tsa dipolaano di gola letsatsi le letsatsi.
Ba sesole sa Botswana ga mmogo le ba sepodisi sa Botswana ba tsere karolo mo tshimolodisong ya mosepele o o tshwerweng ka fa tlase ga setlhogo se se reng; A go se nne le monna yo o bolayang; A go se nne le monna yo swang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Tshimolodiso malatsi
Date : 25 Aug 2025