Lenaneo la Bonfire le ntsha maduo
25 Aug 2025
Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota a re lenaneo la go kopanya borre gore ba ithune dinta mmogo le le simolodisitsweng kgwedi tse tharo tse di fetileng le supa fa le tlaa fitlhelela maikaelelo a lone.
Fa a tlhalosa mo potsolosong ka Labotlhano, Kgosi Radipitse a re lenaneo leo, le borre ba orang molelo mmogo go bua ka tse di ba amang le supa motlhala ka jaana go lemosegile fa borre ba simolotse go tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo.
A re le ntswa maikaelelo a magolo a lone e le go rarabolola dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana, kgokgontsho ya bong ga mmogo le maitsholo a a botlhaswa mo motseng, melato e gantsi e dirwang ke borre, koketsego ya dipalo tsa borre kwa kgotleng fa go nale diphuthego e supa fa kgabagare motlhala wa lenaneo leo o tlaa bonala sentle.
Kgosi Radipitse a re motse wa Tonota o tshabelelwa ke dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana e akaretsa go ba imisa, mme e bile dipalo di le kwa godimo fela thata mo go sa jeseng di welang.
“Nngwe e e ntseng e re tshwenya ke go salela morago ga borre kwa diphuthegong tsa kgotla, mme mo phuthegong e neng e feta, re itemogetse koketsego e kgolo ya borre”, ga tlhalosa Kgosi Radipitse.
A re e re ka jaana lenaneo leo le itebagantse le go bua ka dikgang tse di farologanyeng tse di amang borre, o nona pelo ka mathe ka fa borre ba le tsibogetseng ka teng.
O ne a supa fa janong lenaneo leo le tlhometswe komiti e e tlaa letsamaisang ka jaana le ntse le gogwa kwa tlhogong ke ba bogosi, mme a tlhalosa fa komiti ya lone e tlaa bereka ka fa tlase ga bogosi go tlhomamisa gore le tswelela le ntsha maduo.
O ne a tlatsa ka gore maitiso a go ora molelo mmogo a lenaneo a tlaa tswelela a tshwarwa kwa Tonota kgwedi dingwe le dingwe tse tharo go fitlhelela maikaelelo a lone a diragala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2025