Ba itshetsa ka dibapalwa nageng
24 Aug 2025
Kgosi Lefoko Kudume wa Kokotsha a re dibapalwa nageng tse di bonwang kwa motseng oo, di ka tlhabolola le go tokafatsa matshelo a banni fa puso e ka thusa go bona ba ba di rekang ka ditlhwatlhwa tse di nametsang.
Kgosi o buile se mo potsolosong bosheng, a tlhalosa fa Kokotsha a segofaditswe ka dibapalwa nageng tse di farologanyeng di akaretsa sengaparile, mahupu, moretlwa le dikelekesi (maungo a mokala).
A re bosheng ba ne ba tshwere thekiso ya sengaparile, e a supileng fa e ne e tshologetswe ke banni ka palo e nametsang. Kgosi Kudume a re go rekisa sengaparile ke sengwe sa tse morafe wa gagwe o itshetsang ka tsone go na le go leba fela mo Ipelegeng.
Kgosi Kudume a re paka ya pula e sa tswang go feta, dipula di nele matsorotsoro, ka jalo papadi ya sengaparile mo ngwageng ono e tokafetse thata fa e tshwantshangwa le dingwaga tse di fetileng.
Mongwe wa bareki ba sengaparile, Rre Shaka Mochine wa khamphani ya Matebeleng Milling a re mo pakeng eno, o lemoga palo e oketsegileng ya barekisi ba sengaparile mo motseng wa Kokotsha.
Rre Mochine a re o kgonne go reka 220kg (4.5 tonnes) ya sengaparile.
A re sengaparile se, ba se rekisa kwa mafatsheng Germany. gareng ga mafatshe mangwe. A re koketsego ya tlhwatlhwa e e rekang sengaparile e laolalwa ke koketsego ya tlhwatlhwa ya yone kwa mafatsheng.
A re monongwaga ba se reka ka P40 (per kilogram) e le koketsego go tswa mo go P36 wa ngogola. Rre Mochine a re ba tlaa tswelela ba reka sengaparile mo metseng e mengwe. A re ntleng khamphani ya Matebele Milling e sila le go phuthela sengaparile ba se rekisetsa barekisi ba melemo ba mo gae ka go farologana.
Rre Mochine a re o kgotsofaditswe ke boleng jwa sengaparile ka barekisi ba kgonne go diragatsa dielo tsotlhe tse ba neng ba di ba beile.
A re ngwaga le ngwaga ba rutuntsha baepi ba sengaparile ka metlhale o ba tshwanetseng papadi ya sone, gore se seka sa nyelela.
O tsweletse a re go botlhokwa gore bagwebi ba sengaparile ba somarele tikologo.
Mongwe wa barekisi ba sengaprile, Rre Barden Mochineboy a re o tswa kgakala a itshetsa ka dibapalwa nageng ka di le dintsi thata mo motseng oo, bogolo jang fa pula e nele sentle.
Rre Mochineboy a re o leboga ba Matebeleng Milling go reka ka ditlhwatlhwa tse di tokafetseng, mme a re tsholofelo ke gore ba tswelele ka go di tsholetsa gore a kgone go bona dipoelo.
Lefa go ntse jalo o ne a supa fa go bapala sengaparile go na le dikgwetlho ka ba kgona go tsamaya letsholo lwa kgwedi tse pedi kana go feta ka jalo ba kgona go felelwa ke metsi le dijo le lone letlhoko la sepalamo ka gantsi ba dirisa dikotsekara, fa tse dingwe e le diphologolo le dibatana tse di borai, digagabi le phetogo ya loapi e e sa ikanyegeng.
O kgothaditse banni ba Kokotsha go ikemela ka dinao go itshetsa ka go dira ka diatla jaaka go tsena mo papading ya dibapalwa nageng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Kokotsha
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2025