Breaking News

Kanye o isa ditirelo kwa setshabeng

21 Aug 2025

Molaodi wa kgaolo ya Kanye Rre Mompoloki Mochanang o simolodisitse lenaneo la monongwaga la go isa ditirelo tsa puso kwa setshabeng.

Fa a bua kwa Molapowabojang ka Labobedi, o tlhalositse fa maikaelelo e le go netefatsa gore banni ba tikologo ya mafelo a ditirelo di lerilweng kwa go one ba bona ditirelo tse puso. Rre Mochanang o tlhalositse fa komiti ya dithabololo tsa kgaolo, e tsere tshwetso ya gore ditlhabololo di isiwe kwa metseng ya Molapowabojang le Gasita mo seelong sa dibeke tse pedi kgwedi le kgwedi go tloga Phatwe a le lesome le boferabongwe go tsena Sedimonthole a tlhola malatsi a le mane.

A re le fa go na le maphata kwa metseng eo, bogogi bo lemogile gore maphata a a seyong koo, a patelesega go isa ditirelo kwa setshabeng kgapetsakgapetsa. O kaile fa ditirelo tsa dithulaganyo tsa manyalo jaaka go kwadisa le go nyadisa di tlaa boela jaaka gale.

Fa a amogela maphata a puso, Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang, o lebogetse gore a bo maphata a tsisitse ditirelo. Kgosi o ikuetse kwa pusong gore ofisi ya gagwe e tlhoka mokwaledi. Kgosi o tlhalositse fa seemo se, se baya morafe ka fa mosing bogolo jang fa go na le mongwe yo o atlholetsweng go ya kgotlatshekelong. A re go tsaya nako e telele go isa dipampiri tsa bone kwa kgotlatshekelong ka ntlha ya go sa nneng teng ga mokwaledi wa kgotla.

Fa a ntsha malebogo mokhanselara wa Molapowabojang Central, Rre Kagiso Mogorosi o ne a leboga Molaodi le maphata go bo ba isisitse ditlamelo kwa bathong, a ba a kgothatsa le go rotloetsa morafe go etela metlaagana ya maphata ka go farologana, a re seo se ka sedimosetsa maphata letlhoko. O ne a kopa molaodi gore ere go sekasekiwa kgang ya mokwaledi wa kgotla, go gopolwe le go thusa ka kgokelo ya motlakase kwa leobong la kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Molapowabojang

Event : Phuthego

Date : 21 Aug 2025