Breaking News

Kgosi Sekwenyane o kopa ditlamelo

21 Aug 2025

Kgosi Odirile Sekwenyane wa Phitshane Molopo o kopile Mopalamente gore nako e gorogile ya gore jaanong kgaolo ya Goodhope/ Mmathethe e okelediwe diofisi tsa puso.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti kwa Phitshane Molopo bosheng, Kgosi Sekwenyane a re e re ka jaana metse e e mo kgaolong eo e le mentsi, go maleba gore ba atamelediwe diofisi ka go direlwa kgaolo potlana ee ka thusang metse ee e mo tikologong ya Phitshane Molopo, e akaretsa Sedibeng, Loporung, Dikhukhung, Tshidilamolomo, Mabule le Sekhutlane.

O tsweletse a supa fa seemo  sa  sekole se segolwane kwa motseng oo, se ngomola pelo ka jaana dikago tsa sone di senyegile. Kgosi Sekwenyane o supile fa seemo seo se tshwanetse go potlakelwa ka gore baithuti baa sokola. Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente o supile fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba. O akgoletse morafe go tlhama dikomiti tse ba tsamaisang motse wa bone ka tsone.

A re seo se botlhokwa ka gore go nna motlhofo gore bagwebi ba thuse ka madi fa ba thusa dikomiti kana mekgatlho ya motse. Dr Dikoloti  a re o mo thulaganyong ya go simolodisa letlole la diphitlho (insurance) la kgaolo yotlhe le koporase ya balemi-barui. A re seo ke maiteko a gore e re motho a tlhokafetse a kgone go fitlhwa ka seriti, a tlatsa ka gore koporase le yone e tlaa thusa ka go tlhama ditiro tse banana ba di tlhokang thata.

“Maikaelelo ke gore re akanyetse go phunya didiba gore banana ba seka ba palelwa ke go tsaa mananeo gotwe ha gona kwa ba tlaa nosang teng,” ga buwa jalo Dr Dikoloti.

Modulasetilo wa mokgatlho wa Mmatla-kgwana, mme Boitumelo Motseolapile o tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo sa ba robatse. A re e re ntswa ba bereka le mophato wa barui kwa Afrika Borwa, ba kopa puso gore e sekaseke molao motheo gore magodu a leruo a sekisiwe ke dikgosi. 

O tlhalositse fa seo seka fokotsa mosuke wa ditsheko tse mo malatsing ano tse di tsayang dingwaga go fela kwa makgotleng a ditsheko. Mme Motseolapile o supile gape gore magodu a leruo a seka a fiwa tetla ya go letela tsheko kwa ntle ka gore ba tswelela ba ntse ba senya ba emetse tsheko.

Banni ba kopile gape gore puso e busetse morago tshwetso ya gore bana ba seka baatlholwa ka thupa kwa dikoleng, ba re tshwetso eo e dirile gore bana batswe mo tseleng. Batsadi ba supile fa barutabana ba sa kgone go tsenya bana mo taolong ka jaana tiriso ya thupa e sa letlelelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Phitshane - Molopo

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Aug 2025