Ntwa kgolo ke ya molomo - kgosi
21 Aug 2025
Kgosi Tawana II wa Batawana o akgotse molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, morago ga go tsaya boikarabelo jwa go rarabolola dikgang tse di ntseng di tlhora morafe boroko tsa lekgotla la Okavango Kopano Mokoro Community Trust (OKMCT).
Kgosi Tawana a re go boela ga gagwe mo setilong sa Bogosi jwa Batawana ka 2023, o gorogetse mo madubedubeng a lekgotla leo ka jaana lekgamu lengwe le ne le tsile go ikuela le ngongorega ka tsamaiso e e sokameng ya khuduthamaga ya lekgotla. O buile jalo kwa bokopanong jo bo neng bo biditswe ke molaodi, Rre Thabang Waloka go tsibogela mokwalo wa lekgamu le le neng ngongorega ka tsamaiso ya lekgotla le moletlo wa Tapoywa o o tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Xaxaba.
A re dikgang tsa makgotla a merafe di tshwanetse tsa rarabololwa ke ofisi e e maleba ka jaana fa di tla kwa go ene, bangwe ba ka mo supa ka monwana gore o a di ikgakgapelela. Kgosi Tawana a re le ka nako ya lekgamo leo le tsile go ikuela, o ne a ba kopa go ya kwa ofising ya ga molaodi ka jaana kgakololo ya gagwe e le Kgosi e ka seke e dire pharologanyo e e kalo fa a tshwantshayna le ofisi ya ga molaodi ka jaana e na le melawana e e tsamaisang makgotla a merafe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Tawana o supile fa le ene a tshwenyega ka tsamaiso tsa makgotla a morafe, a supa fa e se OKMCT fela e e aparetsweng ke dikgang tsa makgamu le tsamaiso e e sokameng. O gwetlhile maloko a OKMCT go dira mmogo ka neelano, tlotlo le lorato gore morafe o kgone go akola maduo a lekgotla la bone.
E ne e rile go le pele, molaodi Rre Waloka a tlhalosa fa ba hupeditswe ke dikgang tsa OKMCT tse di sa feleng a supa fa beke le beke ba dubana tsone fela, ka jalo a gwetlha maloko go itsaya motlhala le gone go batla tharabololo. A re makgotla a mangwe a na le dikgang le matshwenyego mme ba kgona go a rarabolola mo nakong e khutshwane, fa la OKMCT lone dikgang tsa lone di felela kwa kgotla tshekelo.
Le fa go ntse jalo a re ba ne le tshepo ya gore molao o mosha wa Community Based Natural Resource Management (CBNRM Act) o o sa tswang go fetisiwa kwa Palamenteng o tlaa nna rarabolola dikgang tse tse ba emeng pele. A re makgotla a morafe a tshwanetse go tlhaloganya gore puso e dirile lenaneo la CBNRM gore merafe e itlhabolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 21 Aug 2025







