Lenaneo la bonno le tsweletse sentle
20 Aug 2025
Lenaneo la Bonno National Housing Programme le tsweletse sentle kwa Palapye.
Mo nakong eno, le kwadisitse baikopedi ba le 638. Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile o buile jalo a bula bokopano jwa khansele ka Mosupologo. O tlhalositse gore go dirilwe maiteko a go isa lenaneno la Bonno kwa setshabeng ka go ba ruta le go ba thusa go dira ikopelo kwa dikgotleng tsa bone.
O ne a supa fa mo nakong eno, ba setse ba tsamaile le metse ka go farologana e akaretsa Ratholo, Palapye, Lerala, Maunatlala, Maokatumo, Topisi, Kgagodi, Lesenepole, Moremi le Mogapi ka taletso ya makhanselara. Rre Ketshogile a re khansele e tsweletse gape ka go amogela dikopo tsa mananeo a kago a Turnkey le Home Improvement go tswa mo mafelong ka go farologana.
Rre Ketshogile a re mo ngwageng wa madi wa 2025/2026, khansele e filwe matlo a le mabedi a lenaneo la Turnkey, mme nngwe ya matlo a, e agiwa mo Palapye kwa Extension 11, fa e nngwe e agiwa kwa Lecheng. A re kago ya matlo ka bobedi e tsweletse sentle. O tlhalositse gape gore lephata la tlhokomelo ya bana le thuto go tswa kwa moding le simolodise kabo ya mesangwana ya setswalo mo dikoleng kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le mabedi.
A re dikole tsa kgaolo ya Palapye di amogetse mesangwana ya setswalo e le 11,093, mme e le 4,479 ya abelwa dikole tse dipotlana, 5,740 ya abelwa dikole tsa magare, fa se segolwane tsa Moeng College se abetswe tse 874 mme Lotsane Senior Secondary ya abelwa ke bangwe ba ba dirisanyang le bone.
Fa a lekodisa bokopano jwa khansele ka ditiro tse dingwe tse di tsweletseng mo kgaolong ya Palapye, Rre Ketshogile a re paakanyo ya sekole sa Moeng College e e dirwang ka madi a P138 million e tsweletse le fa e faraferwe ke dikgwetlho tse di bakileng gore tiro e seka ya wela ka nako e e neng e beilwe ya Sedimonthole a ya fifing ka ngwaga wa 2023.
A re tiro e, e akaretsa paakanyo ya matlo a borobalo a baithuti, dikago tsa matlwana a borutelo, go baakanya moalo wa kgopo ya metsi a a leswe le paakanyo ya matlo a babereki magareng ga tse dingwe. Rre Ketshogile a re mo nakong eno tshoboko yotlhe ya tiro e e setseng e dirilwe ke masome a ferabongwe le botlhano mo lekgolong mme go dirisitswe madi a a kana ka P52 million. A re nngwe ya tse di bakileng tiego e, di akaretsa go nyelela ga konteraka e e neeng e thapilwe.
Rre Ketshogile a re sengwe se se neng sa baka tiego ya go fela ga dipaakanyo tsa sekole seo ke go filhela dikago dingwe tse e neng e se bontlha bongwe jwa tiro di onetse mme go santse go le mo tshekatshekong ya gore go ka dirwa jang gore di akarediwe, ka di ne di le mo seemong se se sa nnang sentle. O ne a supa fa a solofela fa lephata le le maleba le tlaa thulanya ditlhogo go tswa ka tharabololo gore paakanyo e e kgone go wetswa.
Rre Ketshogile a re puso e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi mme dikhansele di tshwanetse di tlhoafalele kgang ya go itirela letseno. O ikuetse mo makahanselareng go thusa gore khansele e tle ka maano a a tsepameng le ditsela tse di faphegileng tse e ka itirelang letseno ka tsone ka bofefo jo bo kgonagalang ka ngwaga wa madi o tshamaela go wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 20 Aug 2025