Melato ya petelelo e ile magoletsa kwa Serowe
20 Aug 2025
Mapodisi a Serowe a tshegeditse borre ba le mabedi mabapi le dikgang tsa go belaelwa go itseela dikobo ka dikgoka.
Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di lesome le boferabobobedi morago ga go thubetsa ngwana wa dingwaga tse pedi kwa kgotleng ya Mathwane kwa Mmashoro kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano.
Superintendent Oteng o tlhalositse fa ngwana yoo a ne a robetse le mogolowe wa dingwaga tse di lesome, mme mmelaelwa a bo a tsaya ngwana a mo tseela kwa lebaleng la kgwele ya dinao kwa a mo thubeditseng teng a bo a mo tlogela teng bosigo. A re mmelaelwa o ne a romilwe ke mmaagwe bana go ya go bona gore bana ba robetse sentle fa ene a ne a santse a rekisa dijo kwa lefelong la itlosobudu, ka tshepo ya gore o itse mosimane.
Ramapodisi o boletse fa mmelaelwa a itshupile fa pele ga lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata kwa Serowe ka Labobedi. A re gape ba tshwere monna wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa Majwanaadipitse yo go belaelwang a thubeditse mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa.
A re tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano maitsiboa fa mme yoo a ne a ile go reka kwa seamasung, mme a kopana le mmelaelwa yo o neng a mo gogela kwa lwapeng lwa gagwe, a feta a mo thubetsa.
Superintendent Oteng a re ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e legolegwa la monna wa dingwaga tse masome a mabedi le bosupa le thubeditsweng ke legolegwa le lengwe la monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bone kwa kgolegelong ya Serowe kgwedi eno e le lesome.
A re mmelaelwa o ne a fitlhelwa ke legolelwa le lengwe a santse a le mo tirong e e tsitsibanyang mmele eo, morago ga gore a tsietse motswasetlhabelo gore a tsamae le ene a ye go mmontsha sengwe. O boletse fa mmelaelwa a le mo kgolegelong ka melato ya petelelo e le metlhano, o e le wa borataro.
Superintendent Oteng o ikuetse gape mo setshabeng go ba batlisa mmaagwe losea lo lo fitlhetsweng le phuagantswe mo ntlong nngwe e go sa nneng ope mo go yone kwa kgotleng ya Ramakolo kwa Serowe. A re losea loo, lo bonwe ke mme wa dingwaga tse lesome le boferabobedi a ne a feta ka tsela go bapa le ntlo eo mme utlwa losea le lela thata, mme a ya teng kwa a fitlhetseng losea lo phuthetswe ka kojwana.
A re losea lo ne lwa ragosetswa kwa kokelong ya Sekgoma kwa a santse a le teng, mme a le mo seemong se se siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 20 Aug 2025







