Molao wa go lema hemp o fetisitswe
20 Aug 2025
Banni ba kgotla ya Monarch kwa Francistown ba rotloeditswe go tsena mo temong ya setlhatshana sa hemp (cannabis), se go bolelwang se le tlhwatlhwa kgolo, gape se kgona go dira dithoto le melemo.
Seo, se boletswe ke Mopalamente wa Francistown West gape e le Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatious Moswaane mo phuthegong ya kgotla. Rre Moswaane a re Palamente e fetisitse molao kakanyetso o o letlang go lengwa ga setlhatshana sa Hemp se se dirisiwang dilo tse di farologanyeng jaaka melemo ya malwetse a tshwana jwa madi a matona le kankere, go dira matsela gammogo le ditlolo tse di sireletsang letlalo. Le fa go ntse jalo, Rre Moswaane o tlhalositse fa setlhatshana se, se ya go lengwa go setswe ditsetlana dingwe tse di rileng morago.
“Fa o batla go lema hemp, tshimo ya gago e tshwanetse ya bo e na le terata ya boleng le tshireletso e e kwa godimo. O tshwanetse wa fiwa teseletso ya go lema setlhatshana se,” ga tlhalosa Rre Moswaane.
A re le fa go na le dingwe tse di tlhokwang go lema setlhatshana se, keletso ke go bona Batswana ba kgona go tsena mo kgwebong ya go lema Hemp le go inaakanya le go dira dikgwebo tse dingwe tse di amanang le yone. O ba rotloeditse go dira dipatlisiso le go ithuta ka tsotlhe tse di tlhokafalang go tsena mo temong le kgwebo tse di amanang le setlhatshana sa Hemp.
A re le fa puso e tsweletse ka go lwantsha borukutlhi jo bo akaretsang tiriso kana thekiso ya ditagi, mosuke o o kwa dikgolegelong le one o tshwanetse wa tsibogela. Ka jalo a re mo tshekatshekong ya melao, Palamente e fetisitse gore molao o baakanngwe gore fa motho a fitlhetswe ka motokwane wa selekanyo sa 60grams a gagamadiwe phogwana ka go lefisiwa dikete di le lesome (P10 000), e seng kgolegelo.
Mo go tse dingwe, Rre Moswaane o solofeditse banni ba Monarch gore le fa seemo sa itsholelo se sa itumedise, ditirelo tsa botlhokwa di amegile, puso e tsweletse ka go loga maano a go busetsa seemo mo taolong le gone go rudisa itsholelo. A re sengwe sa tse di dirwang ke gore kgaolo ya Africa e nne seopo sengwe gore e kgone go itirela dithoto ka go farologana le go godisa papadisanyo.
E rile a tswa la gagwe, Mokhanselara wa Monarch South, Rre Otsile Moses, a re banni ba tshwenngwa ke tiego ya ofisi ya boipelego go sekaseka ba ba nang le letlhoko gore ba thusiwe. Mokhanselara wa kgaolo ya Monarch Central, Mme Dorcus Mooemedi-Nakedi, ene a re ba tshwengwa ke lefifi le le gakatsang borukutlhi ka jalo go tlhokafala dipone tsa mekgwatlha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Aug 2025







