Bobedi bo a sidilega
19 Aug 2025
Mo potsolotsong, mothusa mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng, Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa, o tlhalositse fa rre yoo le ene a ne a ya go ipega kwa mapodising a supa fa mme yoo a mo tlhabile mo letsogong, mme mapodisi ba ne ba ba isa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng, kwa ba neng ba alafiwa ba bo ba gololwa.
A re tiragalo eo e diragetse kwa kgotleng ya Motsamai kwa Ditshegwane.
Rre Molwantwa o tlhalositse gape fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse, a bo a gakolola Batswana gore molemo wa kgang ke go buiwa.
O kopile batho gore e re fa ba na le kgang ba e bue, mme fa ba sa utlwane, ba kope bangwe go ba letlanya, kana kgosi le one mapodisi tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pusoletse Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2025







