Breaking News

Maphata a naya baithuti maele

19 Aug 2025

Baithuti ba mophati wa boraro ba sekole sa Pitikwe kwa Lobatse ba gakolotswe go tlhwaafalla dithuto tsa bone go baakanyetsa bokamoso jo bo galalelang.

Mosimolodi wa kgwebo ya Tile Mate kwa Lobatse, gape e le moithuti wa pele wa sekole sa Pitikwe, Rre Tumelo Sedirwa, o dirile thotloetso eo bosheng jaaka baithuti ba ne ba rulaganyeditswe dithuto tsa go ba fa lesedi ka ditiro , e le tsela ya go baakanyetsa isago.

Rre Sedirwa a re sekgele mofufutso wa phatla, ka jalo o tlhaloseditse baithuti gore thuto ke konokono mo botshelong mme e bile e botlhokwa ka gore ke yone e thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba ka tiro e moithuti a ka eletsang go e dira.

Maikaelelo magolo a letsatsi, e ne e le go tlhagolela baithuti tsela ya go sekaseka dithuto tsa tiro tse ba ka di salang morago fa ba fetsa sekole.

Morutabana wa tsa kgwebo, Mme Bonke Tshwaedi, a re tiro ke go betlela baithuti bokamoso ka go ba fa maele a botshelo le dikgakololo go ba rotloetsa go fitlhelela ditoro tsa bone.

Ratoropo wa Lobatse, Rre Aron Ganakgomo a re go neela baithuti thuto ka ditiro tse di farologanyeng go botlhokwa ka jaana go ba bula ditlhaloganyo go ikgethela ditiro tse ba di eletsang ba sale mo sekoleng.

Rre Ganakgomo o tladitse ka gore morago ga go fetsa sekole, ba tlaa bo ba le mo maemong a go itse gore ba ya kae go ithutela ditiro.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa baithuti ba sekole seo, Katso Papana, a re go tla ga maphata a a farologanyeng mo sekoleng, go ba file sebaka sa go itse gore ba ka tlhopha go remelela mo dithutong dife fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Thuto puisanyo

Date : 19 Aug 2025