Dirang dikgwebo tse di thaegileng
19 Aug 2025
Beng ba dikgwebo ka go farologana, ba rotloediwa go rurifatsa gore dikgwebo tse ba di simololang di na le ditirelo tsa boleng go tswa kwa moding gore di tle di fitlhelele maikaelelo tsone.
Ba ne ba gakololwa ke mogolwane wa kanamiso mafoko go tswa kwa Botswana Bureau of Standards (BOBS), Rre Peter Mpete kwa Palapye ka letsatsi le le neng le rulagantswe ke ba Botswana Digital and Innovation Hub (BDIH) go arogana le bagwebi ka ditirelo tsa maphata a a farologaneng a a thusang dikgwebo.
Rre Mpete a re mogwebi o tshwanetse a dire se se nang le boleng kwa tshimologong ya kgwebo gore bat la ba bone maduo a a nametsang.
A re boleng mo kgwebong bo thusa fela thata ka bo kgotsofatsa modirisi wa ditirelo le tsholofelo tsa gagwe mo go se a se rekisetswang.
O supile gape gore go botlhokwa gore mong wa kgwebo a dire ka natla ka nako tshotlhe go kgotsofatsa ba ba tsayang ditirelo kwa go ene.
Rre Mpete o ne a rotloetsa beng ba dikgwebo go tila go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo sa tshwaneng.
A re kgwebo ga e a tshwanela go ntsha ditirelo tse di siameng mo nakong e nngwe mme e ntshe tse di senang boleng mo nakong e nngwe a supa fa mogwebi a tshwanetse go tshepiwa ka nako tsotlhe.
O supile fa mogwebi a tshwanetse a tlhatlhobe boleng jwa ditirelo tsa gagwe gangwe le gape gore ba ba tsayang ditirelo mo go ene ba mo tshepe.
A re kgwebo e e nang le ditirelo tsa boleng ke yone e e ka ipharologanyang le dikgwebo tse di senang ditirelo tsa boleng.
Rre Mpete a re boleng jwa tse mogwebi a di rekisang mo dikgwebong ga go kadiwe ka matlho, mme go nale thulaganyo ya go ditlhatlhoba.
O ne a gakolola bagwebi go emisa go kgabisa tse ba gwebang ka tsone ka kwa ntle fela mme mo teng di sena boleng a supa fa le mo teng di tshwanetse di kgotsofatse moreki.
A re bagwebi ba tshwanetse ba ele tlhoko gore kwa bofelong, tshwetso ya se mogwebi a se rekisang kana a gwebang ka sone se bona theko.
O ne a supa fa Batswana ba na le bokgoni jwa go ntsha dilwana tse di nang le boleng mme ba tlhoka go ititaya ka thupana.
Rre Mpete o ne a rotloetsa gore e re ba bula dikgwebo ba ele tlhoko kgang ya go tshwara badirisi ba ditirelo tsa bone sentle ka le yone e le mmangmang mo kgwebong e bile e ka tsholetsa kgwebo.
O ne gape a rotloetsa bagwebi go tsaya sebaka go tsenelela dithuto tse di farologaneng tse di itebagantseng le go ntsha dilwana tsa boleng tse di dirwang ke ba BOBS, gore ba kgone go tlhabolola dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Palapye
Event : Thuto puisanyo
Date : 19 Aug 2025