Breaking News

Bomme ba mapodisi ba abela Moyalekanda

19 Aug 2025

Bomme ba Mapodisi mo kgaolong ya Gumare ba abetse monni wa Ikoga, Mme Oreeditse Moyalekanda dimpho bosheng.

Dimpho tseo, di akaretsa dijo le didirisiwa tsa go tlhapa.

Seo, se tla morago ga gore ntlo ya gagwe e jewe ke kgabo ya molelo.

Fa a bua kwa tirong ya go aba dimpho, Kgosi Sarefo Mombeko wa Ikoga, a re o leboga maiteko a bomme ba mapodisi ka go thusa ba lelwapa la ga Mme Moyalekanda, ba ba wetsweng ke seru.

Kgosi Mombeko a re mapodisi ga ba sa tlhola ba itsewe fela ka go tshwara badira melato.

Mothusa mogolwane wa mepodisi a Gumare, Assistant Superintendent Jerry Sabata a re dimpho tseo di rulagantswe ke bomme bao ka mokgatlho wa bone wa Police Women Network o o itebagantseng le go thusa setshaba le go rutuntsha bomme go ikemela mo botshelong.

ASP Sabata a re setshaba se tshwanetse go bona mapodisi e le basireletsi, ka jalo ba tshwanetse go tshwaragana le bone go lwantsha borukhutlhi.

Modulasetilo wa Gumare Police Women Network, Sergeant Omphile Kgobero, a re ba bonye go le botlhokwa go thusa Mme Moyalekanda ka go mo abela dimpho ka a ne a setse a iphotlhere.

Sgt Kgobero a re dimpho tseo ba di kgonne ka go kokoanya madi ba thusiwa ke bomme le borre ba mapodisi mo kgaolwaneng ya Gumare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2025