Banni ba lela ka go emisiwa ga lenaneo
18 Aug 2025
Banni bangwe ba metse ya Morwa, Pilane, Bokaa le Rasesa mo kgaolong ya Kgatleng ba re go emisiwa ka nakwana ga lenaneo la Ipelegeng go amile matshelo a bone.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Thabo Komane bosheng. Ba kopile puso go fefosa le go wetsa ditshekatsheko tse di dirwang mo lenaneong la Ipelegeng gore ba kgone go bona ditiro tsa nakwana.
Ba tsweletse ba supa gore lenaneo le emisitswe ka nako e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa, ka jalo malwapa a le bantsi a a neng a ikaegile ka ditiro tsa nakwana tsa lenaneo la Ipelegeng, a wela mo isong. Le fa lenaneo leo le hira ga nakwana, banni ba supa fa Ipelegeng e di goga kwa pele mo go tlhameng ditiro, ka jalo e na le seabe se se bonalang mo matshelong a bone. Bangwe ba ba tsibogetseng kgang e ba supile fa Ipelegeng e setse e le karolo e tona ya matshelo ka jalo e thusa go fokotsa letlhoko le go ikaega ka mananeo a puso a tokafatso matshelo.
Mo mafokong a gagwe, Rre Komane o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le emisitswe ka nakwana, go sekaseka ditsamaiso tsa lone. A re ba nne pelotelele ka jaana tsholofelo e le gore le tla bowa le tokafetse.Rre Komane a re sengwe sa tse di akantsweng ka lenaneo la Ipelegeng, ke go tokafatsa ka fa e ntseng le dirwa ka teng, go akaretsa tsamaiso ya khiro ka maikalelo a go akaretsa ba ba nang le ditlankana tsa ditiro tsa diatla, le go netefatsa gore bagodi ba ba amogelang madi a bogodi ba seka ba nna karolo ya lenaneo.
A re mo nakong e fetileng, bagodi bangwe ba ne ba thapiwa mo Ipelegeng, mme se se dira gore bangwe ba ba senang letseno gotlhelele, ba seka ba bona diphatlha tsa go bereka mo Ipelegeng. Mo go tse dingwe, Rre Komane o boleletse banni ba metse e, ka tse a ikaelelang go di dira mo sebakeng se a se filweng go etelela khansele ya Kgatleng.
Sengwe sa dilo tse di sa robatseng banni ba metse e, ke seemo sa lehuti la matlakala la Pilane. Ba supa fa botsogo jwa bone bo le mo diphatseng, ka matlakala a mo lefelong le a tshabelelwa ke go kapa molelo kgapetsakgapetsa, mme go kuelele mosi o ka bakang malwetse ka go farologana.
Ba kopile khansele ya Kgatleng go tsaya kgato ya go emisa tiriso ya lehuti le ka jaana le sa ba siamela ka e bile gape selebego sa lone se fatlha badirisi ba tsela ya A1, e e leng nngwe ya ditsela tse dikgolo tse di ralalang lefatshe la Botswana.
Fa a tsibogela kgang ya lehuti la matlakala, mogolwane wa kompone ya Envesys, e filweng boikarabelo jwa go tlhokomela lehuti le, Rre Geoffrey Koodirile a re ba tsweletse go tswa ka metlhale e ka tokafatsang selebego sa lefelo le. Rre Koodirile a re maiteko a go laola seemo kwa lefelong le, a kgoreletswa ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa batho ba ba tshelegelang kwa lehutung le, ba nopola tse di ka busetswang mo tirisong.
A re dipelaelo ke gore bangwe ba bone ke bone ba tshubang matlakala gore ditshipi di kgone go senoga ka e le dingwe tsa tse ba di rekisiang go dira letseno. Rre Koodirile a re bangwe ba batho ba ba selang matlakala kwa lefelo le, ba kgaola terata gore ba kgone go tsena, seemo se se kgoreletsang maiteko a go fokotsa kgotelesego ya tikologo. Le fa go ntse jalo, Rre Koodirile a re kompone e tsweletse ka go tokafatsa tshireletsego ya lefelo le, ka go oketsa palo ya batlhokomedi ba lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2025







