Breaking News

Maiteko a molemisi a bonala mo kgaolong - kgosi

18 Aug 2025

Kgosi Sibangani Mosojane o lebogotse boineelo jo bo supilweng ke molemisi wa kgaolo ya bone  go thusa balemi le mororo a tlhaelelwa ke ditlamelo.

Kgosi Mosojane o buile ka letsatsi la go lebogela thobo bosheng gore molemisi ga a ipone tsapa, o dira ka gotlhe gore balemi ba bone dithuso. A re nako nngwe mokhanselara wa kgaolo o kgona go thusa molemisi ka sepalamo gore a ye go lekola balemi. Se a re se supa mowa wa boineelo le go tsaya tiro ka manontlhotlho. A re go tswa go lowe, motse wa bone o ntse o tlhaelelwa ke didirisiwa tsa ofisi ya ga molemisi, di akaretsa ntlo le ofisi ya molemisi.

Mme ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re ba ne ba neela molemisi ntlo le ofisi e a direlang mo go yone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosojane o ne a  rotloetsa balemi go dirisa metlhale e mesha ya temo le go dirisa menontshane go nonotsha mebu ya bone.

Mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Tutume, Rre Obert Mabutha a re le fa go le thata jang, balemi ba pelotelele ka ba latlhela peo mo mmung ba bo ba nna ka tsholofelo ya go bona thobo e e nametsang. Rre Mabutha a re maikaelelo a lephata la lefatshe le temo-thuo ke gore batho ba leme, ba ntshe thobo e lekanyeng go jesa malwapa le go rekisetsa ba bangwe mo gae le kwa mafatsheng a sele. 

A re disupiwa tsa letsatsi leo, di supa go papametse, maikalelo le ponelopele ya go ntsha dijo tse di lekanyeng go jesa botlhe. Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke go bona bontsi jwa ba ba itebagantseng le temo e le bagolo, fa banana ba le palo potlana. A re tsholofelo ke go bona banana ba simolola go inaakanya le temo. O kopile bagolo go adima banana bontlha bongwe ja masimo a bone gore ba kgone go tsena mo temong.

A re tema tse pedi di dira dipoelo tse di kgotsofatsang, ka jalo banana ba seka ba itsapa ba akanya gore ba tlamega go lema lefatshe le le tona gore ba bone sengwe. O gateletse botlhokwa jwa go inaakanya le temo ya nosetso.

O gakolotse balemi go tlhatlhoba mebu ya masimo ka go lebega e lemilwe ka lobaka ka jalo e latlhegelwa ke boleng, menontshane le popego. Rre Mabutha o ba gwetlhile go ikopanya le batlhatlhobi ba mmu go sekaseka boleng ja mmu mo masimong le gore ba ka lema eng mo go one. O ne gape a rotloetsa makgotla a balemi go bereka a le seoposengwe go ka nna le lentswe le le utlwalang fa ba kopa dithuso mo pusong kana gope fela.

Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa balemi ba kgaolo eo ba le makgolo a roba bobedi le masome a mane ba ikopetse lenaneo la go teratelelwa masimo, mme ba le makgolo a supa le masome a roba bobedi ba setse ba amogetse terata.

Modulasetilo wa komiti ya balemi, Mme Chikadzi Rauwe a re go botlhokwa go fetisetsa ngwao le dikitso tsa temo kwa bananeng gore boseong ja bone banana ba kgone go itirela dijo. Ka jalo a re letsatsi la go ipelela thobo le tshwanetse go dirisiwa go amogana dikitso ka botlhokwa jwa temo le go rutana metlhale e e siameng ya temo e e ka tisang thobo e e nametsang. 

Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Mbaakanyi Smart o kopile balemi go dirisa menontshane e ba e filweng ke goromente.  Rre Smart a re bontsi ja balemi ga ba e dirise ka poifo ya gore e ba tisetsa mhero. A re khansele e tsaya temo ka tlhwaafalo ka e le nngwe ya mehama e thusang go tlhabolola itsholelo ya lefatshe. O ba rotloeditse go tsena mo kgwebong ya tshilo ya mabele go dira boupi, mme ba ikwadise mo khanseleng gore ba kgone go rekisetsa dikole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Mosojane

Event : Letsatsi la thobo

Date : 18 Aug 2025