Ba Mmadinare ba akgolelwa go tsosolosa ngwao
18 Aug 2025
Baagi ba Mmadinare ba akgoletswe maikaelelo a bone a go tsosolosa ngwao.
Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa, yo e neng e le mongwe wa batho ba ba neng ba ipelela ngwao kwa Mmadinare ka Labotlhabo, a re baagi ba Mmadinare ke bangwe ba ba santseng ba tshegeditse ngwao ka tshwaragano le komiti ya ditlhabolo ya motse. Tona a re go tsosolosa le go ipelela ngwao ga morafe wa Mmadinare, go tla a tlisa thuto ya sennela ruri go tswa kwa kokomaneng go ya kwa go e nngwe.
Ka jalo o kgothaditse baagi go dirisa ditsa-tlholego tse di fitlhelwang kwa motseng wa bone go itshetsa le go tlhabolola motse. A re go ipelela ngwago, go supa ba tsaya ka tlhwaafalo thotloetso ya puso ya gore ba rute bana ka tsa ngwao le ditso. O gateletse gore puso e rotloetsa gore merafe e tsosolose dingwao tsa yone, mme a re go tlhoka gore banana, bagodi, mekgatlho ya dikereke, le e mengwe di eme ka dinao go aga motho le setho sa ngwana wa Motswana.
Rre Motshegwa, yo gape e leng Moplamente wa Mmadinare, o tlhalositse fa tiro kgolo ya bogosi e le go aga setshaba, mme ba tshwanetse dira jalo ba ikaegile ka ngwao gore dikokomane tse di tlang di fitlhele go na le motlhala wa go itse kwa ba tlholegang teng. A re mo digwageng tse di fetileng, go supagetse fa ngwao e kgona go rotloetsa boikgapho mo ditirong tse di duleng mo tseleng jaaka dipolaano, ditlhalano, nnotagi e e heteletseng le kgokgontsho.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa moletlo oo, Rre Modise Motshegwa, a re maikaelelo magolo ke go ruta bana ngwao le go itse ka ditso tsa bone. Rre Motshegwa a re maikaelelo ke go tshwara moletlo wa go tshwana le o ngwaga le ngwaga. Moletlo oo, o ne o akaretsa kapari ya Setswana, dijo mmino le tse dingwe mme o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Ngwao Khumo Boswa, Boikgantsho jwa Rona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Ipelo
Date : 18 Aug 2025