Banni ba kgatlhanong le go emela tsheko kwa ntle
18 Aug 2025
Banni ba Hatsalatladi kwa kgaolong ya Molepolole Bokone ba kgatlhanong le go emela tsheko kwa ntle ga badira-molato ka seo se ba fa sebaka sa go tswelela ba senyetsa kwa pele.
E rile ba bua mo puthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Arafat Khan bosheng, ba supa fa badira-molato ba ba emelang tsheko kwa ntle ba dira melato e mengwe. Ba re go lebega ba dira-molato bao ba sa sale morago ditaelo tsa lekgotla ka jaana ba tswelela ka go tlhorontsha setshaba.
Mongwe wa banni, Rre John Sekwati o buile a sa kgwe mathe ka magodu a leruo a a tsweletseng ka go ba utswela le ntswa ba na le ditsheko tse dingwe fa pele ga lekgotla. A re seo se kgoba marapo le go tlisa mowa wa go itlhoboga ka jaana ba simolola go ipotsa dipotso ka ditsamaiso tsa molao le badiragatsi ba one.
Rre Sekwati o supile fa go emela tsheko kwa ntle ga badira-molato go sa ba beye sebete ka go sa siama go bona motho yo go senyeditseng a tsamaya mo motseng e bile a sena mathata mme wena o jega maikutlo. Ka jalo o ne a kopa puso go sekaseka molao wa go emela tsheko kwa ntle ga babelaelwa ka seo se senya ledula mo motseng.
O ne gape a bua a menne phatlha ka bogodu jo bo ileng magoletsa jwa dikoko le dihutshane, a supa fa ba setse ba iphotlhere ka magodu a tsere gotlhe ntswa puso e dirisitse madi a mantsi go leka go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Sekwati o ne gape a ngongorega ka go nna maoto a tshupa ga mapodisi mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, a re seo se dira gore setshaba se belaele lomepe gore a gongwe mapodisi ba sa dirisane le magodu ka jaana dikgang tseo di seke di ya gope.
Rre Olefile Maribeng, le ene ele monni wa Hatsalatladi, o ne a supa fa dipolao tsa batho di utlwisa botlhoko fela thata ka babelaelwa ba felela ba emetse ditsheko kwa ntle. A re se, se dira gore ba felele ba dirile melato le dipolao tse dingwe gape. Rre Maribeng o ne a kopa gore molao wa go emela tsheko kwa ntle o sekasekwe ka jaana banni ba Hatsalatladi le Batswana ka kakaretso ba sa dumalane le one.
O ne a supa fa go sa siama gore motho a go bolaetse ngwana a bo a gwanta mo motseng, o mmona letsatsi le letsatsi, a re seo se kgobera maikutlo fela thata ka banni ba felela ba tsere ditshwetso tse e seng tsone. Rre Maribeng a re ba setse ba belaela gore puso ka gongwe e gweba ka go fa batho sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ka seo se sa ba kganele go emisa go dira melato.
A re go botlhokwa gore puso e lemoge fa e dirisa madi a Batswana a makgetho go tlhokomela badira-molato mme bone ba tlola koi ka matshelo a batho. Mme Dikgomotso Kelebeng ene o ne a kopa puso go sekaseka kgang ya gore bana ba sekolo ba seka ba betswa ka seo se tlisitse mathata a a seng kana ka sepe.
A re botlhoka-tsebe jwa bana bo ile magoletsa ka ba itse fa ba ka se betswe ke ope, mme e bile seo se dira gore ba seka ba tlotla barutabana ba bone. Mme Kelebeng a re bosheng ba ne ba ile bokopanong jwa batsadi le barutabana mme dipego di supa fa seemo se tsere phekelo e sele.
E rile a ba kgwa dikgaba Mopalamente Rre Khan o ne a supa fa a itumeletse megopolo ya bone ka jaana puso e le puso ya batho ka batho. A re seo se raya gore ba reetsa megopolo ya Batswana mme ba e dirise go bopa kana go tokafatsa melao e e tsamaisang lefatshe. Rre Khan a re o tlaa isa megopolo ya one kwa palamenteng.
O ne a supa fa go le molemo gore a nne a ba lekola ka seo se ba fa sebaka sa go amogana megopolo e e leng yone popagano ya setshaba. Rre Khan o ne a rotloetsa banni go tsaya karolo mo patlo maikutlong e e tla tlang ya go baakanya molao motheo wa lefatshe la Botswana.
Fa a leboga, mokhanselara wa motse oo Rre Tshwaragano Motswagole o ne a supa fa le bone ba tshwenyegile ka dipolaano tsa marato mme a kopa borre go emisa go bolaya bakapelo ba bone. A re borre ba ba betsang basadi ba tshwanetse ba emise go dira jalo ka seo se jwala peo e e sa siamang mo baneng bogolo jang ba basimane. Ka jalo o ne a kopa banni go nna le mowa wa kagisano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Hatsalatladi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2025