Kwelo - tlase ya itsholelo e tlhoka botlhe go tsosolosiwa
17 Aug 2025
Molaodi wa Mabutsane, Rre Dick Kalantle o kgothaditse Batswana ka kakaretso go tswa ka megopolo e e ka tlhamang ditiro le gone go tsosa itsholelo ya lefatshe.
Fa a bua kwa phuthegong ya khansele kwa Mabutsane ka Labone, o ne a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tseye lenaneo la puso la Botswana Economic Transformation Plan ka tlhwaafalo ba bo ba nne le seabe se se ka fetolang seemo sa itsholelo.
A re kwelo tlase ya itsholelo e tsisitse dikgwetlho tse di tshwanetseng tsa tshwaraganelwa go di fenya.
O ne gape a tlhalosa gore megopolo e seka ya itebaganya fela le lenaneo la ditlhabololo le le setseng le dirilwe, a tlatsa ka gore banni ba kgaolo eo ba gololesegile go tswa ka e mengwe e e tlaleletsang mo ditogamaanong. A re go dira jalo go tlaa fefosa go fetola seemo sa itsholelo ya kgaolo ya Mabutsane le lefatshe ka bophara.
Modulasetilo wa khansele eo, Rre Tuelo Zulu o ne a gwetlha makhanselara go nna le seabe mo thulaganyong e ntsha eo ya puso, ka go ntsha megopolo le gone go rotloetsa morafe go tsaya karolo ka botlalo. A re se, se ka dira gore thulaganyo eo e ba solegele molemo ele beng ba kgaolo, ka jaana megopolo e e ka tlhamang ditiro e ka tokafatsa matshelo a batho.
Rre Zulu gape o ne a tswelela a ba rotloetsa gore ba batlisise thata mo go tseneletseng ka fa lenaneo leo le berekang ka teng gore ba tswe ka megopolo e e nonofileng e e ka thusang lefatshe.
E ne e rile a ba rolela lenaneo leo, mogolwane wa ditogamaano tsa itsholelo wa kgaolo ya Mabutsane, Rre Tumelo Setshogo a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go tla ka lenaneo le lesha leo ka maikaelelo a go rarabolola dikgwetlho tse di bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo. A re e re ka jaana itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka diteemane, go tlhoka go rekwa ga tsone go amile itsholelo ga ba ga baka ditlamorago tse di amang matshelo a Batswana.
A re lenaneo le lesha leo, le le tshwaraganetsweng ke puso ya Botswana le ba PEMANDU, le kailwe le setse le kile la bereka kwa mafatsheng a a farologanyeng, mme ebile le thusitse go tokafatsa itsholelo ya mafatshe a le dirisitsweng kwa go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 17 Aug 2025