Breaking News

Safflower ke teemane ya temo

17 Aug 2025

Sejwalo sa Safflower se ka tlhabolola le go atolosa mohama wa temo-thuo ka se le bogadi bogaufi.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela thobo kwa masimong  a Borotsi/Sekote, Mme Sarah Mosarwa o supile fa ele molemi wa Safflower kwa dipolaseng tsa Pandamatenga.

Moletlo oo, o ne o rulagantswe ke setlhopa sa balemi sa Mabocha, mme ba ne ba laleditse Mme Mosarwa go tla go amogana le bone maitemogelo a gagwe mo temong.

Mme Mosarwa a re Safflower ke teemane mo temong, e bile e dira sentle mo sekakeng.

Mme Mosarwa a re o simolotse go lema Safflower ka 2022  kwa Pandamatenga.

“Sejwalo se, se dira fela sentle mo sekakeng e bile se kgona le go iphemela mo dijing tsa dijwalo,” Mme Mosarwa a tlhalosa.

Mme Mosarwa a re o temo bogolo jang fa e le kgwebo, e tshwanetse ya tsewa ka tlhoafalo, a supa fa go le botlhokwa go baakanya lefatshe pele ba ka lema. 

A re mo bo gompienong, lithara ya mahura a Safflower e rekisiwa P350 mme ga se mahura fela.

“Morago ga dibeke tse tlhano kana borataro, o kgetlha morogo mo go sone wa rekisa. Dithunya tsone di tswa morago ga kgwedi tse pedi, mme le tsone di a rekisa ka o kgona go taka dijo ka tsone gape dithunya tsa teng ke molemo wa malwetsi a tshwana a sukiri, madi a matona, ramatiki le kholeseterole,” ga bua Mme Mosarwa.

O supile fa sejwalo se, go se na sepe se se latlhiwang mo go sone, se dirisa go tswa meding go ya kwa peong.

Fa a bua ka loeto la gagwe la temo, Mme Mosarwa a re o tsene mo temong ka 2018, morago ga go tlogela tiro .

A re o simolotse ka go lema merogo kwa Metsimotlhabe, mme ebile, ‘fa ole molemi, o tshwanetse go itse gore ke wena o tsogang pele e bile o robala morago ga botlhe.’

A re gole gantsi, fa go buiwa ka maranyane(technology), batho bangwe ba tseela gore go buiwa ka ditshipi tse di tona tona kana dilo fela tse di thata, mme ga go a nna jalo.

“Tiriso ya maranyane e raa fela gore a re diriseng dikitso le didirisiwa ka tsela e faphegileng go ntsifatsa thobo”, Mme Mosarwa a tlhalosa.

Fa a tswa la gagwe, molemisi wa pele wa kgaolo ya Borotsi, Matlhako le Chadibe, Mme Masego Mhaladi a re setlhopa sa balemi sa Mabocha se tlhamilwe morago ga gore ba itemogele gore ga ba kake ba kgona go bereka le balemi ba ikemetse ka bonosi ka ba le bantsi.

Mme Mhaladi a re go ne go se bonolo go simolodisa setlhopa se, mme ba feletse ba kgonne.

“Temo e botlhokwa betsho a re itsoseng, re eme ka dinao re leme, re rue”, a fetsa a rialo Mme Mhaladi. BOKHUTLO 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : BOROTSI

Event : Ipelelo thobo

Date : 17 Aug 2025