Breaking News

Banni ba lela ka borukutlhi le letlhoko la ditsela

17 Aug 2025

Banni ba kgaolwana ya Ralesuma kwa Molepolole Bokone ba re ga ba jesiwe di welang ke letlhoko la ditsela, lefifi le borukutlhi tse di apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba.

 Banni ba ntshitse matshwenyego kwa phuthegong ya kgotla bosheng e e neng e buisiwa ke mopalamente Rre Arafat Khan.

Ba ne ba lela ka ditsela ka ba dikile ba ratile go bolawa ke merwalela mo pakeng ya dipula e e sa tswang go feta.

Mme Segomotso Gabafiwe mongwe wa banni le ene o iteetse mafoko ao kobo moroko a supa fa ba se na ditsela gotlhelele a tlatsa ka gore ba itemogetse seemo se bogolo jang ka nako ya dipula.

Banni ba ikuetse mo go mopalamente go tsibogela kgang ya borukutlhi ka jaana e ba apesitse kobo ka letshoba.

Ba boleletse mopalamente gore ba dirile maiteko a go tlhama komiti ya ntebele ke go lebele e e berekang ka natla mme sebe sa phiri e le gore maiteko otlhe a komiti e a dirang go lwantsha borukutlhi le go thusa mapodisi ka go tshwara dirukutlhi a sa atlege.

Banni ba supile fa ba na le kgetsi ya bogodu jwa leruo e e fa pele ga lekgotla e bangwe ba bone ba bonweng molato morago ga go tshwara legodu le le fitlhetsweng ka merwalo mme morago molato wa wela bone. Bare fa e sa le tiragalo eo morafe o kgobegile marapo e bile ba tshaba go lwantsha borukutlhi ka jaana tirigalo eo e ba baketse ditshenyegelo tse di ntsi thata tsa go golola bangwe ka bone ka bail out ka madi a mantsi thata.

Ka jalo ba re ba kopa gore go dirwe molao o o neelang dikomiti tsa ntebele ke go lebele dithata gore di bereke le mapodisi.

Kgang e nngwe e nnile ya go fa balatofadiwa ba melato ya polao  go letela molato ba le kwa ntle ga kgolegelo.

 Ba kopile mopalamente gore go tliwe ka molao o o tlaa kganelang balotafadiwa go letela tsheko kwa ntle.

Rre Majwana Ketshabathupa a re kgang ya bailout ya di oura tse 48 e dirisiwa bohahalele ke dirukutlhi le babolai, ka jalo a re ‘a molao o hetolwe motho a tswe mo toronkong a sekile. Dirukutlhi di seka tsa fiwa bail.”

Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka go gokelwa ga metsi kwa malapeng ba supa fa bontsi jwa batho ba bolelelwa fa ba seo mo mmepeng mme ba kaa fa letlhoko la metsi mo kgaolong ya bone e le seipato ka go supafala fa metsi a le teng, ka jalo ba kopile Rre Khan go thusa, a ba kope koporase ya metsi e ba tsenyetse diphaepe le fa go tlhokafala gore ba tsenye lentswana ha godimo ba tlaa dira jalo.

Bangwe banni ba ne supa fa ba utlwalela magatwe a gore Ipelegeng ya emisiwa mme ba tlhalosa fa kgang eo e ba tsentse tsebetsebe ka ba itshetsa ka Ipelegeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro.

Fa a tsibogela dilelo tsa bone mopalamente Khan a tlhalosa fa kgang ya metsi a tla e sala morago ka go lebega metsi a le teng mo kgaolong.

 A re ditsela le dipone o kopile mokhanselara gore a kope khansele e tle go gopa ditsela e bile gape a kope le dipone.

Kgang ya bogodu jwa megala ya motakase a re o belaela gore bothata e le dikgwebo tsa scrap yard. Ka jalo a re go batla ba simolola ka go dira molao o o kganelang gore megala ya motlakase e seka ya rekisiwa kwa di scrap yard.

Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa Ipelegeng e sa emisiwe mme kgang e santse e le tlhaelo ya madi.

A re fa itsholelo e dira botoka puso e itlama go tokafatsa Ipelegeng le go oketsa dikatso tsa yone. Rre Khan a re kgang ya ntebele ke go lebele le tse dingwe o tlaa di sala morago. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Aug 2025