Khansele e ikaelela go tokofatsa lehuti la matlakala
16 Aug 2025
Mogolwane wa khamphani ya Envesys, e filweng boikarabelo jwa go tlhokomela lehuti la matlakala kwa Pilane, Rre Geoffrey Koodirile a re ba tsweletse ka go tswa ka methale e ka tokafatsang selebego sa lefelo leo.
Rre Koodirile a re maiteko a go laola seemo kwa lefelong leo a kgoreletswa ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa batho ba ba tshelegelang kwa lehutung leo, ba nopola tse di ka busetswang mo tirisong kana tse ba ka itshetsang ka tsone.
A re dipelaelo ke gore bangwe ba bone ke bone ba tshubang matlakala gore ditshipi di kgone go senoga ka e le dingwe tsa tse ba di rekisang go dira letseno.
Rre Koodirile a re bangwe batho ba ba selang matlakala kwa lefelo leo, ba kgaola terata gore ba kgone go tsena, mme e le seemo se se kgoreletsang maiteko a go fokotsa kgotelesego ya tikologo.
Le fa go ntse jalo, Rre Koodirile a re khamphani ya bone e tsweletse ka go tokafatsa tshireletsego ya lefelo leo, a re sengwe sa tse di dirwang ke go oketsa palo ya batlhokomedi ba lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 16 Aug 2025
Related News
04 Sep 2025
Ba lela sa khuranyo ya meno
03 Sep 2025
Go itse seemo sa mogare go botlhokwa
03 Sep 2025
Tsibogelang malwetse - mooki
02 Sep 2025
Khansele e rotloetsa tikologo e phepa
02 Sep 2025